Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 15 - Setswana 1970


Morena , ke mang yo o tla tlholang mo ntlong ya gago?

1 Pesalome ya ga Dafita. Morena, ke mang yo o ka tsenang mo Tenteng ya gago? Ke mang yo o ka nnang mo thabeng ya gago e e boitshepo?

2 Ke ene fela yo o sepelang a se na molato, a dira ka tshiamo, a bua boammaaruri ka pelo;

3 yo o sa senyeng motho leina ka loleme, a sa direle mongwe-ka-ene bosula, a sa kgobe wa ga gabo;

4 yo molatlhegi a nyatsegang mo matlhong a gagwe, mme a tlotla ba ba boifang Morena; yo e a reng a ikanetse sengwe, a se ke a fetoge, le fa a ka senyegelwa;

5 yo o sa adimeng madi ka go a tsadisa, a sa rekwe go patika yo o se nang molato. Yo o dirang jalo, ga a kitla a tshikinyega ka gope.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan