Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 149 - Setswana 1970


Sefela sa pako le sa tšhaka ya tlhabano

1 Haleluya! Opelelang Morena sefela se sešwa le pako ya gagwe mo phuthegong ya baratwi!

2 A Iseraele a itumelele Modiri wa gagwe; a bana ba Sione ba dudueletse kgosi ya bona!

3 A ba bake leina la gagwe ka dipina, ba mo leletse moropa le harepa.

4 Gonne Morena o natefelwa ke batho ba gagwe; o kgabisa ba ba pelonolo ka pholoso.

5 A baratwi ba letse megolokwane ka tlotlo; ba duduetse ba le mo malaong a bona,

6 dipôkô tsa Modimo di le mo melomong ya bona le tšhaka e e magale mabedi mo diatleng tsa bona,

7 go dirafatsa pusoloso mo ditšhabeng le dipetso mo merafeng

8 go golega dikgosi tsa yona ka dikeetane le batlotlegi ba yona ka mefiri ya tshipi

9 go dirafatsa mo go bona katlholo e e kwadilweng. Seo ke tlotlo ya baratwi ba gagwe. Haleluya!

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan