Lipesalema 148 - Setswana 1970A dibopiwa tsotlhe di bake Morena 1 Haleluya! Bakang Morena, lo le mo magodimong; mmakeng, lo le mo mafelong a a godimo! 2 Mmakeng lona baengele ba gagwe botlhe; mmakeng lona masomosomo a gagwe otlhe! 3 Mmakeng lona letsatsi le ngwedi; mmakeng lona dinaledi tsotlhe tse di phatsimang! 4 Mmakeng lona magodimo a magodimo le metsi a a leng kwa godimo ga magodimo. 5 A di bake leina la Morena; gonne o laotse, mme tsa tlholega. 6 Mme o di tlhomamiseditse ruri; o beile molao o di sa ka keng tsa o tlola. 7 Bakang Morena, lo le mo lefatsheng, lona dikgwanyape tsa mawatle le madiba otlhe, 8 le wena molelo le sefako le semathana le musi le phefo ya ledimo le le dirafatsang lefoko la gagwe. 9 Lona dithaba le dithabana tsotlhe; lona ditlhare tse di ungwang le mesetere yotlhe; 10 lona diphologolo le diruiwa tsotlhe; lona dilo tse di gagabang le lona dinonyane tse di diphuka; 11 lona dikgosi tsa lefatshe le merafe yotlhe, lona dikgosana le baatlhodi botlhe ba lefatshe; 12 lona makau le lona makgarebe, lona batsofe mmogo le bana – 13 botlhe a ba bake leina la Morena; gonne leina la gagwe ke lone fela le le godileng. Borena jwa gagwe bo mo lefatsheng le mo legodimong. 14 O godiseditse morafe wa gagwe lonaka; ke se se bokwang ke batlhomogelwa botlhe ba gagwe, e bong Baiseraele, morafe o o gaufi nae. Haleluya! |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa