Lipesalema 147 - Setswana 1970Pesalome ya pako 1 Galaletsang Morena! Gonne go pila go leletsa Modimo wa rona, ee, go monate; sefela sa pako se tshwanetse. 2 Morena o aga Jerusalema, o phutha balelekwi ba Iseraele. 3 O fodisa ba ba dipelo di phatlogileng, o fapa dintho tsa bona. 4 O tlhomamisa palo ya dinaledi, tsotlhe o di taya maina. 5 Morena wa rona o mogolo, o thata e kgolo; tlhaloganyo ya gagwe ga e ka ke ya lekanngwa. 6 Morena o kakatlolola ba ba pelonolo; mme baikepi bona o ba digela fa fatshe. 7 Tlhabelang Morena sefela sa tebogo; opelelang Modimo wa rona ka harepa; 8 ona o o apesang legodimo ka maru, o o baakanyetsang lefatshe pula, o o medisang bojang mo dithabeng; 9 o o nayang diruiwa dijo tsa tsona, le magakajane, fa a lela. 10 Ga o natefelwe ke thata ya pitse, ga o kgatlhwe ke dikgoka tsa monna. 11 Morena o kgatlhwa ke ba ba mmoifang, ba ba solofetseng bopelonomi jwa gagwe. 12 Jerusalema, galaletsa Morena; Sione, baka Modimo wa gago. 13 Gonne o thatafaditse mephakarego ya mejako ya gago; o tshegofaditse bana ba gago mo go wena. 14 Ke ona o o nayang lefatshe la gago kagiso, o o go jesang mabele a a nang le moko. 15 O romela taolo ya ona kwa lefatsheng; Lefoko la ona le siana thata. 16 O tlhotlhora semathana jaaka boboa, o gasa serame jaaka molora. 17 O latlhela sefako sa ona jaaka dikgapetla. Ke mang yo o ka itshokelang letsididi la ona? 18 O roma Lefoko la ona, o di gakolose; o fokisa phefo ya ona, metsi a ele. 19 O itsise Jakobe Lefoko la ona, o itsise Iseraele melao ya ona le dithulaganyo tsa ona. 20 Ga o ise o ke o direle morafe ope jalo, mme dikatlholo tsa ona ga ba di itse. Haleluya! |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa