Lipesalema 146 - Setswana 1970Modimo o e leng mothusi o le osi wa boammaaruri 1 Haleluya! Baka Morena, wena mowa wa me! 2 Ke tla nna ke galaletsa Morena ke ntse ke phela; ke tla nna ke opelela Modimo wa me ke sa ntse ke le yo. 3 Lo se ka lwa ikanya barena, le e seng ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ena. 4 Fa mowa wa gagwe o tswa, o boela gape kwa mmung wa gagwe; maikaelelo a gagwe a fele ka lone letsatsi leo. 5 Go sego ena yo Modimo wa ga Jakobe e leng thuso ya gagwe, yo tsholofelo ya gagwe e leng mo go Morena, Modimo wa gagwe, 6 yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsona; yo o bolokang boammaaruri ka bosakhutleng; 7 yo o direlang bapatikwi tshiamo, ba ba tlala a ba fe dijo. Morena o golola bagolegwi. 8 Morena o foufolola difofu; Morena o tsosa ba ba obegileng; Morena o rata basiami. 9 Morena o boloka baeng, o gomotsa dikhutsana le batlholagadi; mme tsela ya baikepi yona a e kgopamise. 10 Morena ke kgosi ka bosakhutleng; e bong Modimo wa gago, Sione, go ya tshikatshikeng. Haleluya! |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa