Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 145 - Setswana 1970


Tlotlo ya bogolo jwa Modimo le molemo wa ona

1 Sefela sa pako sa ga Dafita. Modimo wa me, ke tla go godisa, Kgosi; ke baka leina la gago ka gale le ka bosakhutleng.

2 Ke tla go baka ka letsatsi lengwe le lengwe, ke tumisa leina la gago ka gale le ka bosakhutleng.

3 Morena o mogolo, o tshwanetse go bakwa thata; bogolo jwa gagwe ga bo na tlhotlhomiso.

4 Losika longwe lo tla boka ditiro tsa gago mo go lo longwe, ba tla bolela ditiro tse di thata tsa gago.

5 Ke tla bua ka ga phatsimo ya borena jo bo galalelang jwa gago le ka ga ditiro tse di gakgamatsang tsa gago.

6 Bona ba tla bua ka ga thata ya ditiro tse di boitshegang tsa gago, mme nna ke tla bolela bogolo jwa gago.

7 Ba tla utlwatsa tumo ya molemo o mogolo wa gago, ba dudueletsa tshiamo ya gago.

8 Morena o boitshwarelo le boutlwelo-botlhoko; ga a fele pelo, o mogolo ka bopelotlhomogi.

9 Morena o molemo mo go botlhe, boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo okame ditiro tsotlhe tsa gagwe.

10 Morena, a dibopiwa tsotlhe tsa gago di go leboge, a baratwa ba gago ba go bake.

11 A ba bolele kgalalelo ya bogosi jwa gago, ba bue ka ga thata ya gago

12 gore ba itsise bana ba batho ditiro tse di bonatla tsa gago le kgalalelo e e phatsimang ya bogosi jwa gago.

13 Bogosi jwa gago ke bogosi jo bo se nang bokhutlo, puso ya gago e nna go ya tshikatshikeng.

14 Morena o tshegetsa botlhe ba ba wang, o tsosa botlhe ba ba obegileng.

15 Matlho a ba botlhe a lebile wena, mme o ba naya dijo tsa bona ka nako e e lebanyeng.

16 O huporolola seatla sa gago, o kgorisa diphedi tsotlhe ka natefo.

17 Morena o siame mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, o pelonomi mo ditirong tsotlhe tsa gagwe.

18 Morena o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri.

19 O dirafatsa keletso ya bona ba ba mmoifang, o utlwa selelo sa bona, a ba thuse.

20 Morena o boloka botlhe ba ba mo ratang, mme baikepi botlhe o a ba nyeletsa.

21 Molomo wa me o tla bolela pako ya Morena; a diphedi tsotlhe di galaletse leina le le boitshepo la gagwe ka gale le ka bosakhutleng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan