Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 144 - Setswana 1970


Thapelo ya go fenya le setshwantsho sa lesego le le kwa pele

1 Pesalome ya ga Dafita. A go bakwe Morena, lefika la me, yo o rutileng diatla tsa me go tlhabana le menwana ya me go lwa;

2 e bong Montlhomogelapelo le Montshireletsi; Momphemedi le Mompholosi; thebe ya me le yo ke mo ikanyang, yo o tsenyang morafe wa me mo taolong ya me.

3 Morena, kana motho ke eng, fa o mo itse, le ngwana wa motho, fa o mo tlhokomela?

4 Motho o tshwana le pudulo fela; malatsi a gagwe a feta jaaka moriti.

5 Morena, sekamisa legodimo la gago o fologe; ama dithaba gore di kue musi.

6 Gadimisa legadima, mme o ba phatlalatse; roma metsu ya gago, o ba tseanye.

7 Ntsha mabogo a gago, o le kwa godimo, o nkinole; o ntshwatole mo merwaleleng, mo diatleng tsa baeng,

8 ba melomo ya bona e buang maaka, ba diatla tsa bona tse di jang e leng tsa tsietso!

9 Modimo, ke tla go opelela sefela se sešwa, ke go leletsa harepa ya dithapo di le some.

10 Ke wena yo o nayang dikgosi phenyo, yo o falodisang Dafita, motlhanka wa gago, mo tšhakeng e e senyang.

11 Ntshwatole o nkgolole mo diatleng tsa baeng, ba melomo ya bona e buang maaka ba diatla tsa bona tse di jang e leng tsa tsietso!

12 A bomorwaa-rona ba nne mo bokaung jwa bona jaaka ditlhatshana tse di godisitsweng; le bomorwadia-rona ba nne jaaka maotwana a sekhutlo a a setilweng ka fa mokgweng wa kago ya matlo a borena.

13 A difala tsa rona di tlale, go ntshiwe mefutafuta ya dijo mo go tsona; a difutshane tsa rona di ate ga dikete, di ntsifale ga dikete tse some mo mafulong a rona.

14 A dikgomo tsa rona di tsale di se folotse go se nne nyelelo le e seng go lelela kotsi mo dipatlelong tsa rona.

15 Go sego morafe o o dirafalelwang ke tseo; go tlhogonolo morafe o Morena e leng Modimo wa ona!

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan