Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 143 - Setswana 1970


Dafita o kopa gore a gololwe ka bonako mo babeng ba gagwe

1 Pesalome ya ga Dafita. Utlwa thapelo ya me, Morena, o ele selelo sa me tlhoko; nkutlwe ka fa boikanyegong jwa gago le ka tshiamo ya gago.

2 Mme o se ka wa seka le motlhanka wa gago; gonne ga go na mophedi ope yo o siameng fa pele ga gago.

3 Gonne mmaba o bogisa mowa wa me, o gateletse bophelo jwa me fa fatshe; o nkagisa mo lefifing jaaka bona ba ba swetseng ruri.

4 Mowa wa me o a felelela; pelo ya me e gatsetse mo teng ga me.

5 Ke gakologelwa malatsi a bogologolo, ke akanya tsotlhe tse o di dirileng; ke gopola ditiro tsa diatla tsa gago.

6 Ke otlololela mabogo kwa go wena, mowa wa me o go nyoretswe jaaka lefatshe le le omeletseng. Sela.

7 Morena, akofa o nkutlwe, mowa wa me o a idibala; se mphitlhele sefatlhego sa gago, gore ke se ka ka nna jaaka bona ba ba fologetseng kwa moleteng.

8 Nkutlwise bopelonomi jwa gago mo mosong; gonne ke ikantse wena. Nkitsise tsela e ke tshwanetseng go e tsamaya; gonne ke tsholeletsa mowa wa me kwa go wena.

9 Nkgolole mo babeng ba me, Morena, ke itiketsa ka wena.

10 Nthute go dira se se go natefelang; gonne o Modimo wa me. A Mowa wa gago o o molemo o nkgoge mo tseleng e e lekalekanyeng.

11 Morena, mphedise ka ntlha ya leina la gago, o nntshe mo pitlaganong ka tshiamo ya gago.

12 Mme o nyeletse baba ba me ka fa bopelonoming jwa gago, mme botlhe ba ba ntwantshang o ba bolae; gonne ke motlhanka wa gago.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan