Lipesalema 142 - Setswana 1970Thapelo mo pogisong e e thata 1 Sefela sa thuto sa ga Dafita, fa a ne a le mo logageng. Thapelo. 2 Ke goela Moreneng ke tlhatlositse lentswe; ke lelela boitshwarelo mo Moreneng ke tsholeditse lentswe. 3 Ke tshololela selelo sa me fa pele ga gagwe, ke bega tlalelo ya me fa pele ga gagwe. 4 Fa ke nyema moko, wena o itse tsela ya me. Ba mpeetse serai mo tseleng e ke tshwanetseng go e tsamaya. 5 Ke lebile ntlheng ya letsogo le le jang, ke fitlhela go se na ope yo o nkitseng; botshabelo jwa me bo ile; ga go ope yo o mpotsang bophelo. 6 Ke goela kwa go wena, Morena, ke re: “Ke wena botshabelo jwa me le kabelo ya me mo lefatsheng la baphedi.” 7 Ela selelo sa me tlhoko; gonne ke koafetse segolo; nkgolole mo babogising ba me; gonne ba mpheta ka thata. 8 Nntshe mo kgolegong gore ke galaletse leina la gago. Basiami ba tla ntikanyetsa, fa o ntirela molemo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa