Lipesalema 141 - Setswana 1970Kopo ya go sa tseneng mo thaelong le mo pogisong 1 Pesalome ya ga Dafita. Morena, ke a go bitsa; itlhaganele, o tle go nna; utlwa lentswe la me, fa ke goela go wena. 2 A thapelo ya me e nne jaaka maswalo fa pele ga gago; a tsholetso ya me ya mabogo e nne jaaka tshupelo ya maitsiboa. 3 Morena, beela molomo wa me tiso; lebelela mojako wa molomo wa me. 4 Se sokololele pelo ya me kwa selong se se bosula go dira ditiro tsa boikepo le banna ba ba dirang bosula, mme a ke se je monate o ba o jang. 5 Mosiami a ka ntitaya, ke ka lorato, a ka nkwatlhaya, ke lookwane lwa tlhogo; tlhogo ya me ga e kitla e lo gana. Le fa go ntse jalo ke rapela ka ntlha ya masula a bona. 6 Fa baatlhodi ba bona ba digwa mo makgotlhong, ba tla utlwa mafoko a me, fa e le a a monate. 7 Marapo a rona a gasagasegile fa mojakong wa felo ga baswi jaaka fa motho a lema, a gagola lefatshe. 8 Gonne matlho a me a lebile wena Modimo Morena; ke batla botshabelo fa go wena; se ntshe mowa wa me mo nameng. 9 Mphemele mo thateng ya segole se ba nthaisitseng ka sona, le mo dirung tsa ba ba dirang bosula. 10 A baikepi ba wele mo lemeneng la bona botlhe mmogo, mogang nna ke fetang ke falola. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa