Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 140 - Setswana 1970


Kopo ya phemelo mo baikeping

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.

2 Morena, nkgolole mo bathong ba ba bosula; o mpoloke mo banneng ba ba bodipa,

3 ba ba akanyang dilo tse di bosula mo pelong, ba tsosa ntwa ka malatsi otlhe.

4 Ba itooditse diteme, ba tshwana le dinoga; botlhole jwa lebolobolo bo mo maganong a bona. Sela.

5 Morena, mpoloke mo diatleng tsa moikepi, o mphemele mo banneng ba ba bogwama, ba ba ikaeletseng go ntigela lengopeng.

6 Baikgantshi ba mphitlhetse mutlwane le serai, ba mpeetse letloa fa thoko ga tsela, ba nthaisitse ka seru. Sela.

7 Ke buile le Morena ka re: “O Modimo wa me.” Morena, reetsa lentswe la mekokotlelo ya me.

8 Modimo Morena, wena thuso e e thata ya me, ke wena yo o femelang tlhogo ya me ka letsatsi la tlhabano.

9 Morena, o se ka wa dirafatsa dikeletso tsa moikepi; a maano a o a logileng a se kgonege, ba ka tla ba ikgodisa. Sela.

10 Fa ba ka tsholetsa ditlhogo tikologong ya me, a tshenyo ya diteme tsa bona e ba khurumetse.

11 A Morena a nesetse magala mo go bona, a ba digele mo molelong, mo bodibeng gore ba se ka ba tlhola ba tsoga.

12 A monna wa puo e e bosula a se ka a tlhomama mo lefatsheng; monna yo o bodipa a tlalelo e mo leleke gangwe le gape.

13 Ke a itse, fa Morena a tla emela kgang ya motlalelwi le tshiamelo ya mohumanegi.

14 Ruri, basiami ba tla leboga leina la gago, ba nnete ba tla aga fa pele ga gago.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan