Lipesalema 14 - Setswana 1970Boikepo jwa motho ( Pes. 53 ) 1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Lesilo le bua mo pelong ya lone le re: “Modimo ga o yo.” Ba a senya, ba dira tsa maila; ga go ope yo o dirang molemo. 2 Morena o lebile bana ba batho a le mo legodimong, go bona, fa go le mongwe yo o botlhale, yo o batlang Modimo. 3 Ba fapogile botlhe, ba senyega mmogo. Ga go ope yo o dirang molemo, le e seng a le mongwe fela. 4 A botlhe ba ba dirang tshiamololo ga ba na kitso, bona ba ba metsang batho ba me jaaka ba ja senkgwe? Morena ga ba mmitse. 5 Foo ba tla tshoga mo go boitshegang; gonne Modimo o mo losikeng lo lo siameng. 6 Maano a ba a logelang mmogisegi a tla ba tlhabisa ditlhong, gonne Morena ke botshabelo jwa gagwe. 7 E kete pholoso ya Iseraele e ka bo e tla e e tswang mo Sione! E ne e tla re Morena a fetola tatlhego ya morafe wa gagwe, Jakobe a duduetse, Iseraele a itumele. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa