Lipesalema 139 - Setswana 1970Kitso yotlhe ya Modimo 1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Morena, o a ntlhotlhomisa, o a nkitse. 2 O itse go nna ga me le go nanoga ga me; o tlhaloganya maikaelelo a me o le kgakala. 3 O sekaseka go tsamaya ga me le go lala ga me; mme ditsela tsotlhe tsa me o a di ela tlhoko. 4 Gonne ga go na lefoko lepe mo lolemeng lwa me le, wena Morena, o sa le tlhaloganyeng gotlhe. 5 O ntikanyeditse kwa morago le kwa pele, o beile seatla sa gago mo go nna. 6 Kitso e, ke a e gakgamalela, e a mpalela; e kwa godimo, ke retelelwa ke go fitlha kwa go yona. 7 Nka ya kae go efoga mo Moweng wa gago, sefatlhego sa gago nka se tshabela kae? 8 Fa nka tlhatlogela kwa legodimong, o tla bo o le teng; fa nka ntsha felo ga baswi bolao jwa me, bona, o tla bo o le gona. 9 Fa nka tsaya diphuka tsa mahube, ka ya go aga kwa bokhutlong jwa lewatle, 10 le koo seatla sa gago se tla nkgoga, seatla se se jang sa gago se ntshwara. 11 Le fa nka re: “A lefifi le mpipe, a lesedi le le ntikanyeditseng le nne lentsho tikologong ya me,” 12 foo le lefifi ga le nke le nna lefifi mo go wena, le bosigo bo tla galalela jaaka motshegare, lefifi le tshwana le lesedi. 13 Gonne o dirile diphilo tsa me, wa mpopa ke le mo mmeleng wa ga mme. 14 Ke a go leboga, ka ke dirilwe ka kgakgamatso e e gaisang; di a gakgamatsa, ditiro tsa gago, mme mowa wa me o itse sentle jalo. 15 Marapo a me a ne a sa go fitlhegela, motlheng o ke dirilweng ka ona mo bosaitsiweng, ke logiwa sentle mo botennye jwa lefatshe. 16 Matlho a gago a mponye ke simolola go utlwelelwa; mme malatsi a me a a sa leng a rulaganngwa go ise go nne lepe la ona, a kwadilwe otlhe mo lokwalong lwa gago. 17 Modimo, mo go nna megopolo ya gago e ratega jang! Palo ya yona e kana kang! 18 Fa ke re, ke a e bala, ke fitlhele e feta motlhaba. Fa ke thanya, ke fitlhele ke sa ntse ke na nao. 19 Modimo, bolaya tlhe moikepi! Lona banna ba polao, ntlogelang. 20 Ke ba ba go rukhutlhegelang ka boferefere, ba bolela leina la gago ka go sa tshwanelang. 21 Morena, a ga ke na go tlhoa bone ba ba go tlhoileng, le go tenwa ke ba ba go tsogelang? 22 Ke ba tlhoile ka letlhoo le le tletseng, ba mphetogetse baba. 23 Nkeleke, Modimo, o itse pelo ya me; nteke, o itse megopolo ya me, 24 mme o bone, fa ke le mo tseleng e e bosula, mme o nkgogele mo tseleng ya bosakhutleng! |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa