Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 138 - Setswana 1970


Go lebogela kgololo

1 Pesalome ya ga Dafita. Ke tla go galaletsa ka pelo yotlhe, ke go opelela pako fa pele ga medimo.

2 Ke tla obamela ke lebile Tempele e e Boitshepo ya gago, ke galaletsa leina la gago ka ntlha ya bopelontle jwa gago le boikanyego jwa gago; gonne o godisitse leina la gago bogolo go tsotlhe.

3 O nkutlwile mo letsatsing le ke go biditseng ka lone, wa nnaya bopelokgale le thata mo moweng.

4 Morena, dikgosi tsotlhe tsa lefatshe di tla go galaletsa, fa di utlwile mafoko a molomo wa gago.

5 Di tla opela ka ga ditsela tsa Morena, ka kgalalelo ya Morena e le kgolo.

6 Gonne Morena o godimo, mme o leba yo o boikokobetso; mme yo o ikgodisang ena o mo itse a sa le kgakala.

7 Fa ke tsamaya ke le mo pitlaganong, ke wena yo o mphedisang; kgakalo ya baba ba me o e ntshetsa seatla, mme letsogo le le jang la gago le a nthusa.

8 Morena o tla di nkgonela. Bopelontle jwa gago, Morena, ga bo na bokhutlo; se tlogele ditiro tsa diatla tsa gago!

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan