Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 137 - Setswana 1970


Kwa dinokeng tsa Babele

1 Re ne re dutse fa dinokeng tsa Babele, ra ba ra lela, fa re gopola Sione.

2 Re ne re pega diharepa tsa rona mo megokareng ya teng.

3 Gonne ke teng kwa batshwari ba rona ba neng ba batla mafoko a sefela mo go rona gona; ba ba re thopileng ba senka boitumelo mo go rona ba re: “Re opeleleng sefela sengwe sa Sione.”

4 Kana re ne re ka opela sefela sa Morena jang, re le mo nageng e sele!

5 Fa nka go lebala, wena Jerusalema, a seatla sa me se se jang se lebale tiro ya sona.

6 A loleme lwa me lo kgomarele magalapa a me, fa ke sa go gopole, fa ke sa itumelele Jerusalema bogolo go dilo tsotlhe!

7 Morena, gopola Baetomo, ba ka letsatsi la Jerusalema ba rileng: “Mo rutleng, mo phomeng go fitlha mo motheong!”

8 Morwadi Babele, wena mogateledi, go sego yo o tla go busetsang ditiro tsa gago tse o di re diretseng!

9 Go sego ena yo o tla phamolang masea a gago, a a thubaganya mo lefikeng!

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan