Lipesalema 136 - Setswana 1970Bopelontle jwa Morena bo ka bosakhutleng 1 Lebogang Morena, gonne o molemo; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 2 Lebogang Modimo wa medimo; gonne bopelotlhomogi jwa ona ke jo bo sa khutleng. 3 Lebogang Morena wa barena; gonne bopelothomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 4 Ena yo o dirang dikgakgamatso tse dikgolo a le esi; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 5 Yo o dirileng legodimo ka botlhale; gonne bopelothomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 6 Yo o ngamotseng lefatshe godimo ga metsi; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 7 Yo o dirileng masedi a magolo; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 8 Letsatsi go laola motshegare; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 9 Ngwedi le dinaledi go laola bosigo; gonne bopelothomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 10 Yo o iteileng Baegepeto ka go bolaya maitibolo a bona; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 11 A ntsha Iseraele mo gare ga bona; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng; 12 ka seatla se se thata le ka letsogo le le otlologileng; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 13 Yo o kgaogantseng Lewatle le Lehibidu ka bogare; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 14 A tshedisa Iseraele fa gare ga lone; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 15 Mme a digela Farao le mephato ya gagwe mo Lewatleng le Lehibidu; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 16 Yo o ne a ralatsa batho ba gagwe dikaka; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 17 Yo o fentseng dikgosi tse dikgolo; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 18 A bolaya dikgosi tse di tumileng; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 19 Sihone, kgosi ya Baamori; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng; 20 le Oge, kgosi ya Basane; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 21 Mme a aba lefatshe la bona go nna boswa; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng; 22 go nna boswa jwa ga Iseraele, motlhanka wa gagwe; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 23 Yo o re gopotseng mo bobotlaneng jwa rona; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 24 A re swatola mo go ba ba re pitlagantseng; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 25 Yo o fang ditshedi tsotlhe dijo; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 26 Lebogang Modimo wa magodimo; gonne bopelotlhomogi jwa ona ke jo bo sa khutleng. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa