Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 135 - Setswana 1970


Pako ya Morena , Modimo o o leng boammaaruri o le osi

1 Haleluya! Bakang leina la Morena, bakang, lona batlhanka ba Morena!

2 Lona ba lo emeng mo Ntlong ya Morena, mo malapeng a Ntlo ya Modimo wa rona,

3 bakang Morena, gonne Morena o molemo; opelelang leina la gagwe pako; gonne le a kgatlha.

4 Gonne Morena o itlhophetse Jakobe, e bong Iseraele go nna wa gagwe.

5 Ruri nna ke a itse, fa Morena a le mogolo; Morena wa rona o feta medimo yotlhe.

6 Sengwe le sengwe se Morena o se ratang o se dira mo legodimong le mo lefatsheng le mo mawatleng le mo mafelong otlhe a a boteng.

7 Ke ene yo o tlhatlosang meuwane go tswa kwa dikhutlong tsa lefatshe, a direla pula dikgadima, a ntsha phefo mo dipolokelong tsa gagwe.

8 Ke ene yo o iteileng maitibolo a Egepeto, a batho le a dikgomo;

9 a go romela ditshupo le dikgakgamatso, wena Egepeto, a betsa Farao le batlhanka botlhe ba gagwe.

10 Ke ene yo o fentseng ditšhaba tse dintsi, a bolaya dikgosi tse di thata,

11 e bong Sihone, kgosi ya Baamori, le Oge, kgosi ya Basane, le magosi otlhe a Kanana.

12 A aba lefatshe la bona go nna boswa, boswa jwa Baiseraele, morafe wa gagwe.

13 Morena, leina la gago ke le le sa khutleng; Morena, o tla nna o gopolwa mo losikeng longwe le longwe.

14 Gonne Morena o tla siamisetsa morafe wa gagwe, a utlwela batlhanka ba gagwe botlhoko.

15 Medimo ya diseto ya Baditšhaba ke selefera le gouta, ke tiro ya diatla tsa batho.

16 E na le melomo, mme ga e bue; e na le matlho, mme ga e bone;

17 e na le ditsebe, mme ga e utlwe; mme le gona ga go na mowa mo melomong ya yona.

18 Badiri ba yona ba tla tshwana nayo le botlhe ba ba e ikanyang.

19 Lona Baiseraele, bakang Morena; lona boora Arone, bakang Morena!

20 Lona Balefi, bakang Morena; lona ba lo boifang Morena, bakang Morena!

21 A go bakwe Morena go tswa mo Sione, ena yo o agileng mo Jerusalema. Haleluya!

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan