Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 133 - Setswana 1970


Lorato lwa bakaulengwe

1 Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Dafita. Bona, go monate jang, go gontle jang, fa bana ba motho ba agile mmogo ka bongwefela jwa pelo.

2 Go ntse jaaka lookwane lo lo rategang lo lo mo tlhogong, lo tshologela mo ditedung, ditedu tsa ga Arone, tse di lepelelelang mo momenong wa diaparo tsa gagwe.

3 Go tshwana le monyo wa Heremone o o fologelang mo dithabeng tsa Sione; gonne Morena o rometse tshegofatso teng, e bong bophelo jo bo sa khutleng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan