Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 132 - Setswana 1970


Go rapelela Ntlo ya Modimo le ntlo ya ga Dafita

1 Sefela sa go ya Tempeleng. Morena, gopola Dafita le matshwenyego otlhe a gagwe,

2 yo o neng a ikanela Morena, a solofetsa Modimo o o thata wa ga Jakobe a re:

3 “Ruri, ga nka ke ka tsena mo ntlong ya me ya tente, le fa e le go ya go lala mo phateng e ke e aletsweng;

4 ga nka ke ka fa matlho a me boroko, le fa e le dintshi tsa me kotselo,

5 go ya ke be ke bonele Morena bonno, le Modimo o o thata wa ga Jakobe meago.”

6 Bona, re utlwetse Letlole kwa Eferatha, ra le fitlhela mo nageng ya Jaare.

7 A re yeng kwa boagong jwa gagwe, re obamele fa pele ga sebeo sa dinao tsa gagwe.

8 Nanoga, Morena, o ye kwa bonnong jwa gago jwa boikhutso, wena le Letlole la thata ya gago.

9 A baperesiti ba gago ba apare tshiamo; a baratiwa ba gago ba duduetse.

10 O se ka wa gana motlodiwa wa gago ka ntlha ya ga Dafita, motlhanka wa gago.

11 Morena o ikanetse Dafita ka boammaaruri – ga a kitla a bo tlhanogela – a re: “Yo e leng wa leungo la mmele wa gago ke tla mmaya mo sedulong sa bogosi sa gago.

12 Fa bomorwao ba ka tlhokomela kgolagano ya me le ditshupo tsa me tse ke di ba rutang, foo bomorwaa-bone le bone ba tla nnela ruri mo sedulong sa bogosi sa gago.”

13 Gonne Morena o itlhaoletse Sione, a mo eletsa gore e nne boago jwa gagwe a re:

14 “Fa ke gona felo ga me ga boikhutso go ya bosakhutleng; fa ke gona fa ke tla agang teng; gonne ke go eleditse.

15 Dijo tsa teng ke tla di tshegofatsa segolo, bahumanegi ba gona ke ba kgorisa bogobe.

16 Baperesiti ba teng ke tla ba apesa pholoso; ba ba tlhomogetsweng pelo ba gona ba tla duduetsa thata.

17 Foo ke tla tlhogisetsa Dafita lonaka; ke baakanyeditse motlodiwa wa me lobone.

18 Ke tla apesa baba ba gagwe ditlhong; mme serwalo sa bogosi se se mo go ene se tla phatsima.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan