Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 130 - Setswana 1970


Selelo sa motlalediwi

1 Sefela sa go ya Tempeleng. Ke goela kwa go wena Morena, ke le mo botennye.

2 Morena, utlwa lentswe la me; a ditsebe tsa gago di nne di tlhokomele mekokotlelo e ke e tlhatlosang.

3 Morena, fa o ka lotolotsa melato, Morena, go ka ema mang?

4 Mme boitshwarelo bo fa go wena gore o tle o boifiwe.

5 Ke lebeletse Morena, mowa wa me o lebeletse, ke bile ke solofela lefoko la gagwe.

6 Mowa wa me o lebeletse Morena go gaisa badisa, fa ba lebeletse moso, ee, go gaisa badisa, fa ba lebeletse moso.

7 Iseraele, o lebelele Morena; gonne bopelotlhomogi bo mo Moreneng; o na le kgololo e kgolo.

8 Ke ene yo o tla gololang Iseraele mo ditshiamololong tsotlhe tsa gagwe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan