Lipesalema 129 - Setswana 1970Bokhutlo jwa baba ba Baiseraele 1 Sefela sa go ya Tempeleng. “Ba sa le ba mpitlaganya gantsintsi go tswa bokaung jwa me” – a Baiseraele ba bue jalo ba re: 2 “Ba sa le ba mpitlaganya gantsintsi go tswa bokaung jwa me, mme ga ba a ka ba mphenya. 3 Balemi ba lemile mo mokokotlong wa me; ba leelefatsa mesele ya bona ya mogoma. 4 Morena o siame; o kgaotse dikgole tsa baikepi.” 5 A ba tlhajwe ke ditlhong, ba kate ka morago bona botlhe ba ba tlhoileng Sione. 6 A ba nne jaaka bojang jo bo tlhogang mo godimo ga ntlo, jo bo omelelang bo ise bo kumolwe, 7 jo mosegi o sa bo tlatseng seatla, le e seng yo o bofang dingata go bo tlatsa letsogo; 8 fa bafeti ba sa ka keng ba bua teng ba re: “A tshegofatso ya Morena e nne le lona, re lo tshegofatsa ka leina la Morena.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa