Lipesalema 128 - Setswana 1970Lesego la go boifa Modimo 1 Sefela sa go ya Tempeleng. Go sego mongwe le mongwe yo o boifang Morena, yo o tsamayang mo ditseleng tsa gagwe. 2 Ruri, o tla ja tsa tiro ya diatla tsa gago. O letlhogonolo! O tshela sentle. 3 Mosadi wa gago o tshwana le moweine o o ungwang, a le mo teng ga ntlo ya gago. Bana ba gago ba ntse jaaka matlhogela a motlhware, ba dikanyeditse bojelo jwa gago. 4 Bona, monna yo o boifang Morena, ruri o tla tshegofadiwa jalo. 5 A Morena a go tshegofatse a le mo Sione, gore o bone letlhogonolo la Jerusalema ka malatsi otlhe a bophelo jwa gago, 6 o be o bone le bana ba bana ba gago! A kagiso e nne le Iseraele! |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa