Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 126 - Setswana 1970


Peo ya dikeledi le thobo ya boitumelo

1 Sefela sa go ya Tempeleng. E rile Morena a fetola tatlhego ya Sione, ra tshwana le ba ba lorang.

2 Foo melomo ya rona e ne ya tlala setshego, le diteme tsa rona tuduetso. Foo go ne go buiwa mo ditšhabeng go twe: “Morena o ba diretse dilo tse dikgolo.”

3 Morena o re diretse dilo tse dikgolo, ra itumela.

4 Morena, fetola tatlhego ya rona jaaka dinokana tsa kwa borwa.

5 Ba ba jwalang ka dikeledi, ba tla roba ka tuduetso.

6 Ba a tle ba ye ba gase peo ba ntse ba lela, mme ba boe ka tuduetso ba tshotse dingata tsa bona.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan