Lipesalema 125 - Setswana 1970Phemelo ya Iseraele 1 Sefela sa go ya Tempeleng. Ba ba ikanyang Morena, ba tshwana le thaba ya Sione e e sa reketleng, e e tlhomameng ka bosakhutleng. 2 Jerusalema o dikanyeditswe ke dithaba; Morena o dikanyeditse batho ba gagwe jalo go tloga jaanong le go ya bosakhutleng. 3 Gonne thobane ya bogosi ya boikepo ga e kitla e nna mo kabelong ya basiami, gore basiami ba se ka ba otlololela diatla kwa bosuleng. 4 Morena, bona ba ba molemo le ba ba dipelo tsa nnete o ba direle molemo. 5 Mme ba ba fapogelang mo ditseleng tse di kgopo tsa bona, Morena o tla ba lesa go ya tatlhegong mmogo le ba ba dirang boikepo. A kagiso e nne le Iseraele! |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa