Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 124 - Setswana 1970


A go bakwe mogolodi wa Iseraele

1 Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Dafita. Fa e ka bo e ne e se Morena yo o neng a re emela – a Iseraele a re jalo –

2 fa e ka bo e ne e se Morena yo o neng a re emela, jale fa batho ba re tsogela,

3 foo ba ka bo ba re meditse re sa phela, jale fa ba re tukela bogale.

4 Foo noka e ka bo e re gogotse, metsi a ka bo a re betile.

5 Foo metsi a a gogomogileng a ka bo a re khurumeditse.

6 A go bakwe Morena yo o sa re tlogelelang go garolwa ke meno a bona.

7 Mewa ya rona e falotse jaaka nonyane mo mutlwaneng wa mothaisi; mogala o kgaogile, mme rona re falotse.

8 Thuso ya rona e mo leineng la Morena, Modiri wa legodimo le lefatshe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan