Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 123 - Setswana 1970


A matlho a lelale kwa godimo

1 Sefela sa go ya Tempeleng. Ke tsholeletsa matlho a me koo go wena, yo o dutseng kwa legodimong.

2 Bona, matlho a rona a lebile Morena, Modimo wa rona, go ya a be a re tlhomogele pelo, jaaka matlho a batlhanka a lebile diatla tsa beng ba bona le jaaka matlho a lelata a lebile seatla sa mohumagadi wa lone.

3 Re tlhomogele pelo, Morena, re tlhomogele pelo; gonne re kgotshe nyatsego go feta tekanyo.

4 Mewa ya rona e kgotshe tshotlo segolo ya ba ba sa kgathaleng sepe le lonyatso lwa ba ba ikgantshang.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan