Lipesalema 122 - Setswana 1970Loboko lwa go baka Jerusalema 1 Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Dafita. E rile ba nthaya ba re: “A re yeng kwa Ntlong ya Morena!” ka itumela. 2 Dinao tsa rona di eme mo dikgorong tsa gago, Jerusalema. 3 Wena, Jerusalema, yo o agilweng jaaka motse o o kitlantsweng sentle, 4 kwa ditso di tlhatlogelang teng, e bong ditso tsa Morena: Ke molao wa Baiseraele go baka leina la Morena teng. 5 Gonne ditulo tsa katlholo di eme teng, ditulo tsa ntlo ya ga Dafita. 6 Kopang kagiso ya Jerusalema; a ba ba go ratang ba phele ka iketlo. 7 A go nne kagiso mo kagong ya phemelo ya lobota lwa gago, le boiketlo mo matlong a gago a borena. 8 Ke tla bua ka ntlha ya bana ba ga rre le dilekane tsa me ke re: “A kagiso e nne mo go wena!” 9 Ke tla go batlela se se molemo ka ntlha ya Ntlo ya Morena, Modimo wa rona. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa