Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 120 - Setswana 1970


Tsa maeto a phuthego

1 Thapelo ya go batla go femelwa mo basotling. Sefela sa go ya Tempeleng. Ke goetse Moreneng, ke le mo pitlaganong, mme a nkutlwa.

2 Morena, nkgolola mo molomong wa maaka, mo lolemeng lwa tsietso.

3 O tla go nayang, a go okeletsa eng, wena, loleme lwa tsietso?

4 Metsu e e bogale ya dinatla e e nang le magala a mohudiri!

5 A tatlhego ya me wee, ka ke jakile mo Mesege, ka ke agile fa ditenteng tsa Ketare!

6 E setse e le sebaka se se fetang selekanyo ke ntse ke agile fa go bona ba ba tlhoileng kagiso.

7 Nna ke wa kagiso, mme fa ke bua, bona ba batla ntwa fela.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan