Lipesalema 12 - Setswana 1970Maaka a laola batho; Modimo ke boammaaruri 1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e na le kodu ya moporo. 2 Morena, thusa; gonne ga go tlhole go na le yo o boifang Modimo, mme ba ba ikanyegang ba fedile mo baneng ba batho. 3 Ba bua maaka mongwe le yo mongwe, ba bua ka melomo e e borethe le bopelopedi. 4 A Morena a nyeletse melomo yotlhe e e borethe, le loleme lo lo buang dilo tsa boikgodiso; 5 bona ba ba reng: “Re thata ka diteme tsa rona, re na le melomo ya rona; mmusi yo o re laolang ke mang?” 6 Mme Morena a re: “Jaanong ke tla tsogela pogiso ya batlalelwi le phegelo ya batlhoki, ke thusa ene yo o lelelang thuso.” 7 Mafoko a Morena ke mafoko a a phepa, ke selefera e e itshekisitsweng mo leubelong e e tshologelang fa fatshe, e itshekisitswe gasupa. 8 Wena Morena, o re boloke, o re sireletse mo losikeng loo ka bosakhutleng. 9 Fa tshenyego e godile mo baneng ba batho, baikepi ba ikgantsha mo ntlheng tsotlhe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa