Lipesalema 119 - Setswana 1970Kgalaletso ya Lefoko la Modimo 1 Go sego bona ba ditsela tsa bona di itekanetseng, ba ba tsamayang ka fa molaong wa Morena. 2 Go sego ba ba tlhokomelang ditshupo tsa gagwe, ba ba mmatlang ka pelo yotlhe, 3 ee, bona ba ba sa direng tshiamololo, mme ba tsamaya mo ditseleng tsa gagwe. 4 Ditaolo tsa gago o di ntshitse gore di tlhokomelwe ruri. 5 E kete ditsela tsa me di ka bo di tlhomame go tlhokomela melao ya gago. 6 Foo nka bo ke sa tlhajwe ke ditlhong, fa nka bo ke tlhokomela ditaelo tsa gago tsotlhe. 7 Ke tla go leboga ka boammaaruri jwa pelo, fa ke ithuta dithulaganyo tse di siameng tsa gago. 8 Melao ya gago ke tla e ela tlhoko. A o ko o se ka wa ntlogelela ruri. 9 Lekau le ka boloka bophepa jwa tsela ya lone jang? Ka go e lebanya le Lefoko la gago. 10 Ke go batla ka pelo yotlhe; se ntese ka fapoga ditaelo tsa gago. 11 Ke bolokile Lefoko la gago mo pelong ya me gore ke se ka ka go leofela. 12 A go bakwe wena, Morena, nthuta melao ya gago. 13 Ditao tsotlhe tsa molomo wa gago ke di boletse ka molomo. 14 Ke itumelela tsela ya ditshupo tsa gago bogolo go mefutafuta ya dikhumo. 15 Ke tla akanya ditaolo tsa gago ke ele ditselana tsa gago tlhoko. 16 Ke tla natefelwa ke melao ya gago, ga nkitla ke lebala Lefoko la gago. 17 Ntirele molemo ke le motlhanka wa gago gore ke phele, ke tle ke boloke Lefoko la gago. 18 Mpudulola matlho gore ke itse go bona dikgakgamatso mo molaong wa gago. 19 Ke moeng mo lefatsheng; o se ka wa mphitlhela ditaelo tsa gago. 20 Mowa wa me o nyoretswe ditao tsa gago ka gale. 21 O bôpetse baikgogomosi, ba ba hutsitsweng ba ba fapogang ditaelo tsa gago. 22 Pitikolola kgobo le nyatsego mo go nna; gonne ke tshegeditse ditshupo tsa gago. 23 Le fa dikgosi di nnetse go ntogela maano, motlhanka wa gago ena o akanya melao ya gago. 24 Ee, ditshupo tsa gago di monate mo go nna, di a nkgakolola. 25 Mowa wa me o kgomaretse lorole. A o ko o mphedise ka fa Lefokong la gago. 26 Ke boletse ditsela tsa me, mme wa nkutlwa. A o ko o nthute melao ya gago. 27 Ntlhaloganyetse tsela ya ditaolo tsa gago, mme ke tla akanya dikgakgamatso tsa gago. 28 Mowa wa me o ntsha dikeledi ka ntlha ya bohutsana, nnamolola ka fa Lefokong la gago. 29 Tsela ya maaka e beele kgakala le nna, o ntlhogonolofatse ka molao wa gago. 30 Tsela ya boammaaruri ke yona ke e itlhophetseng, ka baya ditao tsa gago fa pele ga me. 31 Ke ngaparetse ditshupo tsa gago, Morena, a ke se tlhajwe ke ditlhong. 32 Ke taboga mo tseleng ya ditaelo tsa gago; gonne o oketsa pelo ya me. 33 Morena, nthute tsela ya melao ya gago, mme ke tla e tseela ruri go ya bokhutlong. 34 Nnaya tlhaloganyo, ke tle ke boloke molao wa gago, ke o tlhokomele ka pelo yotlhe. 35 Ntsamaise mo tseleng ya ditaelo tsa gago; gonne e a nkgatlha. 36 Sekegela pelo ya me kwa ditshupong tsa gago, mme e seng kwa boikhumisong. 37 Faposa matlho a me gore a se ka a leba tsa boithamako, o mphedise mo ditseleng tsa gago. 38 Dirafaletsa motlhanka wa gago tsholofetso ya gago e e lebanyeng ba ba go boifang. 39 Tlosa mo go nna kgobo e ke e tshabang; gonne dikatlholo tsa gago di siame. 40 Ruri ke tlhologeletswe ditaolo tsa gago. Mphedise ka tshiamo ya gago. 41 A mapelotlhomogi a gago a ntirafalele, Morena, e bong pholoso ya gago ka fa Lefokong la gago, 42 gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang; gonne ke ikanya Lefoko la gago. 43 Mme Lefoko la nnete o se ka wa le tlosetsa ruri mo molomong wa me; gonne ke lebeletse dikatlholo tsa gago. 44 Foo ke tla nna ke tlhokomela molao wa gago ka gale le ka bosakhutleng. 45 Ke rata go sepela fa go atlhameng; gonne ke batla ditaolo tsa gago. 46 Ke tla bua ka ga ditshupo tsa gago fa pele ga dikgosi, ke sa tlhajwe ke ditlhong. 47 Ke natefelwa ke ditaelo tsa gago tse ke di ratang. 48 Ke tla tsholeletsa mabogo kwa ditaelong tsa gago tse ke di ratang, ke akanya melao ya gago. 49 Gopola Lefoko le o le buileng le motlhanka wa gago, wa re ke se le lebale. 50 Ke yona kgomotso ya me mo pogisegong ya me, fa tsholofetso ya gago e mphedisa. 51 Baikgogomosi ba ntshotlile thata; mme ga ke a ka ka fapoga molao wa gago. 52 Ke ne ka gakologelwa dikatlholo tsa gago tsa bogologolo, Morena, ka ikgomotsa. 53 Ke ne ka tuka bogale ka ntlha ya baikepi ba ba tlogelang molao wa gago. 54 Melao ya gago e mphetogetse difela mo ntlong ya me ya boeng. 55 Ke lala ke gakologelwa leina la gago, Morena, ke tlhokomela molao wa gago. 56 Ga nna kabelo ya me, ka ke tlhokometse ditaolo tsa gago. 57 Morena ke kabelo ya me; ke rile, ke tla tlhokomela mafoko a gago. 58 Ke ne ke lelela sefatlhegong sa gago ka pelo yotlhe; ntlhomogele pelo ka fa tsholofetsong ya gago. 59 Ke akantse metsamao ya me, ka busetsa dinao tsa me kwa ditshupong tsa gago. 60 Ka itlhaganela, ka se ka ka diega go tlhokomela ditaelo tsa gago. 61 Megala ya baikepi e ntharile; mme ga ke a ka ka lebala molao wa gago. 62 Ke tsoga gare ga bosigo go go galaletsa ka ntlha ya dikatlholo tse di siameng tsa gago. 63 Ke monkane wa botlhe ba ba go boifang, le wa bona ba ba tlhokomelang ditaolo tsa gago. 64 Morena, lefatshe le tletse bopelonomi jwa gago. Nthute melao ya gago. 65 Morena, o diretse motlhanka wa gago molemo ka fa Lefokong la gago. 66 Nthute bopelotheri le kutlwisiso le kitso, gonne ke dumela ditaelo tsa gago. 67 E rile ke ise ke kokobediwe, ka timela; mme jaanong ke tlhokometse polelo ya gago. 68 O molemo, o bile o dira molemo; nthute melao ya gago. 69 Baikgogomosi ba mpharile ka maaka; mme nna ke tlhokomela ditaolo tsa gago ka pelo yotlhe. 70 Dipelo tsa bona di nonne, ga di utlwe sepe; mme nna ke kgatlhwa ke molao wa gago. 71 Go ne go le molemo mo go nna go kokobediwa gore ke ithute melao ya gago. 72 Molao wa molomo wa gago, mo go nna o gaisa dikete tsa gouta le selefera. 73 Diatla tsa gago di mpopile tsa mpaakanya. Ntlhalefise gore ke ithute ditaelo tsa gago. 74 Ba ba go boifang ba a mpona, ba a itumela, ka ke lebeletse Lefoko la gago. 75 Morena, ke a itse, fa dikatlholo tsa gago di siame, mme o nkwatlhaile ka boikanyo. 76 Tswetswe a bopelontle jwa gago bo nkgomotse, ka fa o solofeditseng motlhanka wa gago ka teng. 77 A mautlwelo-botlhoko a gago a mpharafare gore ke phele gonne molao wa gago ke boitumelo jwa me. 78 A baikgogomosi ba tlhajwe ke ditlhong, ka ba ntshiamololetse ba se na lebaka; mme nna ke tla akanya ditaolo tsa gago. 79 A bona ba ba go boifang ba boele kwa go nna, le bona ba ba itseng ditshupo tsa gago. 80 A pelo ya me e nne mo melaong ya gago, e itekanetse, gore ke se ka ka tlhajwa ke ditlhong. 81 Mowa wa me o nyoretswe pholoso ya gago; ke lebeletse Lefoko la gago. 82 Matlho a me a tlhoafaletse polelo ya gago a re: “O tla nkgomotsa leng?” 83 Gonne le fa ke ntse jaaka lekuka mo musing, ga ke a ka ka lebala melao ya gago. 84 Malatsi a motlhanka wa gago a kae? Ba ba ntlhomereng o tla ba atlhola leng? 85 Baikgantshi ba nkepetse mamena, ba ba seng ka fa molaong wa gago. 86 Ditaelo tsotlhe tsa gago di boammaaruri. Ba mpogisa ka bomo; nthuse. 87 Ba batlile go nnyeletsa mo lefatsheng; mme nna ga ke a ka ka tlogela ditaolo tsa gago. 88 A o ko o mphedise ka fa bopelonoming jwa gago gore ke tlhokomele tshupo ya molomo wa gago. 89 Morena, Lefoko la gago le eme ka tlhomamo mo legodimong ka bosakhutleng. 90 Boikanyego jwa gago ke jwa losika longwe le longwe; o tlhomamisitse lefatshe, mme le ntse le eme. 91 Le kajeno di sa ntse di eme ka fa dithulaganyong tsa gago; gonne dilo tsotlhe di a go direla. 92 Fa molao wa gago e ka bo e ne e se boitumelo jwa me, foo nka bo ke latlhegile mo tlhorisegong ya me. 93 Ga nkitla ke lebala ditaolo tsa gago ka gope; gonne o mphedisitse ka tsona. 94 Ke wa gago, nthuse; gonne ke batla ditaolo tsa gago. 95 Baikepi ba ntaletse go nnyeletsa. Ditshupo tsa gago ke a di tlhokomela. 96 Ke bonye bokhutlo jwa tsotlhe tse di itekanetseng, mme taelo ya gago ga e na mafelelo. 97 Molao wa gago ke o rata thata jang! Ke o akanya letsatsi lotlhe. 98 Taelo ya gago e ntlhalefisa go gaisa baba ba me; gonne ke ya me ka bosakhutleng. 99 Ke tlhalefile go gaisa baruti ba me botlhe; gonne ditshupo tsa gago ke tsona tse ke di akanyang. 100 Ke phala bagolo ka tlhaloganyo; gonne ke tlhokometse ditaolo tsa gago. 101 Ke thibile dinao tsa me mo tseleng nngwe le nngwe e e bosula gore ke tlhokomele Lefoko la gago. 102 Ga ke a ka ka fapoga ditao tsa gago; gonne o nthutile. 103 Ditsholofetso tsa gago di monate jang mo magalapeng a me; di botshe go gaisa mafura a dinotshe mo molomong wa me! 104 Ke bona tlhaloganyo ka ditaolo tsa gago; ke ka ntlha ya moo ke tlhoileng tsela nngwe le nngwe ya maaka. 105 Lefoko la gago ke lobone lwa dinao tsa me, le lesedi la tsela ya me. 106 Ke ikanne, ka ba ka dirafatsa go tlhokomela dithulaganyo tse di siameng tsa gago. 107 Ke obegile thata. Morena, mphedise ka fa Lefokong la gago. 108 Morena, a o ko o natefelwe ke tse molomo wa me o di go ntshetsang ka bopelotshweu, mme o nthute tse di ntshwanetseng. 109 Bophelo jwa me bo mo dipharagobeng ka gale; mme molao wa gago ona ga ke a ka ka o lebala. 110 Baikepi ba nthaisitse ka serai; mme ga ke a ka ka fapoga ditaolo tsa gago. 111 Ditshupo tsa gago ke boswa jwa me ka bosakhutleng; gonne tsona ke boitumelo jwa pelo ya me. 112 Pelo ya me e palelela mo go diriseng melao ya gago ka gale go ya bosakhutleng. 113 Ba ba pelo-pedi ke ba tlhoile, mme molao wa gago ona ke a o rata. 114 O tshireletso ya me le thebe ya me; ke lebeletse Lefoko la gago. 115 Tlogang fa go nna, basulafatsi ke lona, gore ke tlhokomele ditaelo tsa Modimo wa me. 116 Ntshegetsa ka fa tsholofetsong ya gago gore ke phele; se ntlhabise ditlhong ka ntlha ya tsholofelo ya me. 117 Ntshegetsa gore ke phologe, mme ke tla itumelela melao ya gago ka gale. 118 Botlhe ba ba fapogang melao ya gago o a ba latlha; gonne tsietso ya bona ke maaka fela. 119 Baikepi botlhe ba lefatshe o ba kokola jaaka manyela; ke ka moo ke ratang ditshupo tsa gago. 120 Mmele wa me o roromisiwa ke go go tshaba; ke boifa dikatlholo tsa gago. 121 Ke dirile ka molao le tshiamo. O se ka wa ntlogelela bapatiki ba me. 122 Emela motlhanka wa gago gore a phele sentle; a ba ba matepe ba se nkgatelele. 123 Matlho a me a eleditse pholoso ya gago le tsholofetso e e siameng ya gago. 124 Direla motlhanka wa gago ka fa bopelonoming jwa gago, o nthute melao ya gago. 125 Ke motlhanka wa gago; ntlhalefise gore ke lemoge ditshupo tsa gago. 126 Ke nako ya Morena ya go itshupa ka tiro; ba robagantse molao wa gago. 127 Ke ka ntlha ya moo ke ratang ditaelo tsa gago go feta gouta le gouta e e sa pekwang. 128 Ke ka ntlha ya moo ke kayang ditaolo tsotlhe tsa gago tshiamo; mme ke tlhoile tsela nngwe le nngwe ya maaka. 129 Ditshupo tsa gago di a gakgamatsa; ke ka ntlha ya moo, fa mowa wa me o di boloka. 130 Tlhaloso ya mafoko a gago e a sedimosa, e tlhalefisa ba ba se nang kitso. 131 Ke kopolola molomo, ke kgalegile; gonne ke tlhologeletswe ditaelo tsa gago. 132 Retologela kwa go nna, o ntlhomogele pelo jaaka go tshwanetse ba ba ratang leina la gago. 133 Tiisa dikgato tsa me, ke tle ke sepele ka fa Lefokong la gago; mme a ke se laolwe ke boikepo bope. 134 Nkgolole mo patikong ya batho, ke tle ke ele ditaolo tsa gago tlhoko. 135 Phatsimisetsa motlhanka wa gago sefatlhego sa gago, o nthute melao ya gago. 136 Matlho a me a ela dinokana tsa metsi, ka ba sa dirise molao wa gago. 137 O tshiamo, Morena, le dikatlholo tsa gago ke tsa nnete. 138 O laetse ditshupo tsa gago ka tshiamo le ka boikanyego jo bogolo. 139 Ke jelwe ke tlhoafalo ya me, ka baganetsi ba me ba lebetse mafoko a gago. 140 Lefoko la gago le itshekile thata; mme motlhanka wa gago o a le rata. 141 Ke monnye, ke bile ke a nyatsega; mme ditaolo tsa gago ga ke di lebale. 142 Tshiamo ya gago ke tshiamo e e sa khutleng, molao wa gago ke boammaaruri. 143 Tlalelo le pitlaganyo di nkwetse, mme ditaelo tsa gago di njesa monate. 144 Ditshupo tsa gago ke tsa tshiamo ka bosakhutleng. Ntlhalefise gore ke phele. 145 Ke rapetse ka pelo yotlhe ka re: Nkutlwe, Morena; ke tla tlhokomela melao ya gago. 146 Ke goetse go wena ka re: Nthusa mme ke tla ela ditshupo tsa gago tlhoko. 147 Ke rakile mahube a moso, ka goela thuso; ke lebeletse mafoko a gago. 148 Matlho a me a rakile nako ya ditiso tsa bosigo gore ke akanye polelo ya gago. 149 Utlwa lentswe la me ka fa bopelonoming jwa gago; Morena, mphedise ka fa tshiamisong ya gago. 150 Ba ba ntlhomereng ka bolotsana ba atametse, bona ba ba kgakala le molao wa gago. 151 Wena, Morena, o gaufi, ditaelo tsa gago tsotlhe ke tsa boammaaruri. 152 Ga ke bolo go itse ka ditshupo tsa gago gore o di tlhomamiseditse go ya bosakhutleng. 153 Leba tlhorisego ya me, o nthuse; gonne ga ke lebale molao wa gago. 154 Nkemele mo tshekong ya me, o nkgolole, o mphedise ka fa tsholofetsong ya gago. 155 Pholoso e kgakala le baikepi; gonne ga ba batle melao ya gago. 156 Morena, mautlwelo-botlhoko a gago a magolo. Mphedise ka fa ditshiamisong tsa gago. 157 Ba ba ntlhomereng le baganetsi ba me ba bantsi; le fa go ntse jalo ga ke fapoge ditshupo tsa gago. 158 E a re fa ke bona ba ba sa ikanyegeng, ba ntene, ka ba sa tlhokomele polelo ya gago. 159 Bona, ke rata ditaolo tsa gago; Morena, o mphedise ka fa bopelonoming jwa gago. 160 Kakaretso ya Lefoko la gago ke boammaaruri; dithulaganyo tsotlhe tse di siameng tsa gago ke tse di sa khutleng. 161 Babusi ba ntlhomere ka bomo, mme pelo ya me e boifa mafoko a gago fela. 162 Ke itumelela polelo ya gago jaaka mongwe yo o bonang thopo e kgolo. 163 Maaka ke a tlhoile, ke a a sisimoga; mme molao wa gago ke a o rata. 164 Ke go baka gasupa ka letsatsi ka ntlha ya ditshiamiso tse di siameng tsa gago. 165 Ba ba ratang molao wa gago ba na le kagiso e kgolo; ga ba na se se ba kgopisang. 166 Ke solofetse pholoso ya gago, Morena, ke dirile ka fa ditaelong tsa gago. 167 Mowa wa me o tlhokometse ditshupo tsa gago, mme ke di rata thata. 168 Ke tlhokometse ditaolo tsa gago le ditshupo tsa gago; gonne ditsela tsa me tsotlhe di fa pele ga gago. 169 Morena, a selelo sa me se atamele fa pele ga gago; ntlhalefise ka fa Lefokong la gago. 170 A mekokotlelo ya me e fitlhe fa pele ga gago; mpholose ka fa polelong ya gago. 171 Molomo wa me o tla opela ka ga Lefoko la gago; gonne ditaelo tsa gago tsotlhe di siame. 172 Loleme lwa me lo tla opela ka ga Lefoko la gago; gonne ditaelo tsa gago tsotlhe di siame. 173 A letsogo la gago le nthuse; gonne ke itlhaoletse ditaolo tsa gago. 174 Morena, ke tlhologeletswe pholoso ya gago; molao wa gago o njesa monate. 175 A mowa wa me o phele gore o go bake, mme a ditshiamiso tsa gago di nthuse. 176 Ke latlhegile jaaka nku e e timetseng; a o ko o batle motlhanka wa gago; gonne ditaelo tsa gago ga ke di lebale. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa