Lipesalema 118 - Setswana 1970Sefela sa tebogo sa go opelwa ke bontsi mo moletlong 1 Lebogang Morena, gonne o molemo; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 2 A Iseraele a bue a re: “Ee, bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng.” 3 A boora Arone ba bue ba re: “Ee, bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng.” 4 A ba ba boifang Morena ba bue ba re: “Ee, bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng.” 5 Ke ne ka bitsa Morena ke le mo pitlaganong; Morena a nkaraba, a mpaya mo go atlhameng. 6 Morena o ntlheng ya me, ga nkitla ke boifa; kana motho a ka ntirang? 7 Morena o ntlheng ya me, ke mothusi wa me; mme nna ba ba ntlhoileng ke tla ba tlhaetsa matlho. 8 Go nna mo tshireletsong ya Morena go gaisa go ikanya batho. 9 Go nna mo tshireletsong ya Morena go gaisa go ikanya batlotlegi. 10 Baheitane botlhe ba ne ba ntsentse gare; mme ke ba remagantse ka leina la Morena. 11 Ba ne ba mpotile ntlheng tsotlhe; ee, ba ntikanyeditse; mme ke ba remagantse ka leina la Morena. 12 Ba ne ba ntikanyeditse jaaka dintsi tsa dinotshe, ba tuka jaaka molelo wa mitlwa; mme ke ba remagantse ka leina la Morena. 13 Ke ne ka kgaramediwa thata gore ke we, mme Morena a nthusa. 14 Morena ke thata ya me le sefela sa me sa pako, o diregile pholoso ya me. 15 Lentswe la tuduetso le la pholoso le mo matlong a basiami. “Letsogo la Morena le le jang le dira ditiro tsa bonatla. 16 Letsogo la Morena le le jang le a godisa; letsogo la Morena le le jang le dira ditiro tsa bonatla.” 17 Ga ke ne ke swa, mme ke tla phela, ke bolela ditiro tsa Morena. 18 Morena o nkwatlhaile segolo, mme ga a ka a nneela mo losong. 19 Mpuleleng dikgoro tsa tshiamo, ke tle ke tsene ka tsona, ke leboge Morena. 20 Kgoro ya Morena ke e; basiami ba tla tsena ka yona. 21 Ke tla go leboga, ka gonne o nkutlwile, wa nna pholoso ya me. 22 Lentswe le le latlhilweng ke baagi le diregile letlapa la sekhutlo. 23 Se ke se se dirilweng ke Morena; mme ke kgakgamatso mo matlhong a rona. 24 Letsatsi le, ke le le dirilweng ke Morena; a re ipeleng, re itumele ka lone. 25 Ao Morena, a ko o thuse! Ao Morena, a ko o tsweletse pele! 26 A go bakwe yo o tlang ka leina la Morena; re lo tshegofatsa, re le mo Ntlong ya Morena. 27 Morena ke Modimo, mme o re neile lesedi. Bofang seruiwa sa tlhabelo ya moletlo ka dikgole gore se fitlhe fa dinakeng tsa aletare. 28 O Modimo wa me, ke tla go baka; o Modimo wa me, ke tla go godisa. 29 Lebogang Morena, gonne o molemo; le bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa