Lipesalema 116 - Setswana 1970Sefela sa go lebogela kgololo 1 Morena ke a mo rata, gonne o utlwile lentswe la me la mekokotlelo ya me. 2 E re ka a ntshekegetse tsebe, ke tla nna ke mmitsa ka malatsi otlhe a me. 3 Dikgole tsa loso di ne di ntikanyeditse, le ditlalelo tsa felo ga baswi di ne di ntshwere, ka fitlhela pitlagano le bohutsana. 4 Mme ke ne ka bitsa leina la Morena ka re: “Ao, Morena, swatola botshelo jwa me!” 5 Morena o boitshwarelo le tshiamo, Modimo wa rona o boutlwelo-botlhoko. 6 Morena o boloka ba ba pelo di se nang maano. Ke ne ke koafetse, mme a nthusa. 7 Mowa wa me, boela kwa boikhutsong jwa gago; gonne Morena o go diretse molemo. 8 Ee, o nkgolotse mo losong le matlho a me mo dikeleding le dinao tsa me mo go kgotšweng. 9 Ke tla tsamaya fa pele ga sefatlhego sa Morena mo lefatsheng la baphedi. 10 Ke ne ke ntse ke dumela mo Modimong, le fa ke ne ke re: “Ke obegile thata.” 11 Ka bua ke tshogile ka re: “Batho botlhe ke baaki.” 12 Nka lebogela Morena ka eng ditiro tsotlhe tse di molemo tse a di ntiretseng? 13 Ke tla tsholetsa senwelo sa phologo, ke bitsa leina la Morena. 14 Maikano a me ke tla a dirafaletsa Morena, ee, fa pele ga morafe otlhe wa gagwe. 15 Loso lwa baratwa ba Morena ke selo sa botlhokwa mo matlhong a gagwe. 16 Ao, Morena, kana ke motlhanka wa gago; ke motlhanka wa gago, morwa lelata la gago; o funolotse dikgole tsa me. 17 Ke tla go tsisetsa setlhabelo sa tebogo, ke bitsa leina la Morena. 18 Maikano a me ke tla a dirafaletsa Morena, ee, fa pele ga morafe otlhe wa gagwe, 19 mo malapeng a Ntlo ya Morena, mo teng ga gago, Jerusalema. Haleluya! |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa