Lipesalema 115 - Setswana 1970Kgalalelo ya Modimo wa nnete, le bosengsepe wa medimo ya diseto 1 Se nee rona, Morena, se nee rona, mme o nee leina la gago kgalalelo ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa gago le ka ntlha ya boammaaruri jwa gago. 2 Baditšhaba ba tla buelang ba re: “Kana Modimo wa bona o kae?” 3 Athe Modimo wa rona o mo legodimong, o dira tsotlhe tse o ratang go di dira. 4 Medimo ya bona ya diseto ke selefera le gouta, ke tiro ya diatla tsa batho. 5 E na le melomo, mme ga e bue; e na le matlho, mme ga e bone; 6 e na le ditsebe, mme ga e utlwe; e na le dinko, mme ga e dupe; 7 e na le diatla, mme ga e tshware; e na le dinao, mme ga e tsamae; le gona ga e ntshe mosumo ope ka memetso ya yona. 8 Badiri ba yona ba tla nna fela jaaka yona, le mongwe le mongwe yo o e ikantseng. 9 A Baiseraele ba ikanye Morena; ke ena thuso le thebe ya bona. 10 A ba ntlo ya ga Arone ba ikanye Morena; ke ena thuso le thebe ya bona. 11 A ba ba boifang Morena ba ikanye Morena; ke ena thuso le thebe ya bona. 12 Morena o re gopotse, o tla tshegofatsa; o tla tshegofatsa Baiseraele, a tshegofatsa ba lapa la ga Arone. 13 O tla tshegofatsa ba ba boifang Morena, bannye le bagolo. 14 Morena o tla lo atisa, lona le bana ba lona. 15 Lo tshegofaditswe ke Morena yo o dirileng legodimo le lefatshe. 16 Legodimo ke legodimo la Morena, mme lefatshe lone o le neile bana ba batho. 17 Baswi ga ba boke Morena, le e seng ope wa bona ba ba fologelang kwa tidimalong, 18 mme rona re baka Morena jaanong le ka bosakhutleng. Haleluya! |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa