Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 114 - Setswana 1970


Kgakgamatso ya pololo ya Baiseraele kwa Egepeto

1 E rile Iseraele a huduga kwa Egepeto, le ba lapa la ga Jakobe mo morafeng wa puo e sele,

2 Juta a nna felo ga boitshepo ga gagwe, le Iseraele ga puso ya gagwe.

3 Lewatle le bonye jalo, la tshaba; Joretane a boa ka morago.

4 Dithaba di ne tsa ja mokaragana jaaka diphelehu le makgabana jaaka dikwana.

5 Ke eng, wena lewatle, fa o tshaba, le wena Joretane, fa o kata ka morago?

6 Ke eng lona dithaba, fa lo ja mokaragana jaaka diphelehu, le lona makgabana, fa lo etsa dikwana?

7 Wena lefatshe, roroma fa pele ga Morena, fa pele ga Modimo wa ga Jakobe,

8 o o fetotseng lefika letsha la metsi le legakwa motswedi wa metsi.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan