Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 112 - Setswana 1970


Lesego la yo o boifang Morena

1 Haleluya! Go sego monna yo o boifang Morena, yo ditaolo tsa gagwe di mo kgatlhang segolo.

2 Kokomana ya gagwe e tla nna le thata e kgolo mo lefatsheng; losika lwa ba ba nang le nnete lo tla tshegofala.

3 Letlotlo le khumo di mo ntlong ya gagwe, tshiamo ya gagwe e nnela ruri.

4 Mosiami o bonegela ba ba nang le nnete mo lefifing jaaka lesedi, a le boitshwarelo le boutlwelo-botlhoko le tshiamo.

5 Go sego monna yo o kutlwelo-botlhoko, a adimana; yo o dirang tsa gagwe ka tshiamo.

6 Gonne ga a nke a theekela ka gope; mosiami o tla nna a gopolwa ka gale.

7 Ga a nke a boifisiwa ke polelo e e bosula; o iteile pelo ka lentswe ka go ikanya Morena.

8 Pelo ya gagwe e tlhomame, ga a nke a boifa sepe go ya a be a lebe baba ba gagwe ka kgatlhego.

9 O gasagasetsa, batlhoki a ba fe. Tshiamo ya gagwe e nnetse ruri; lonaka lwa gagwe lo godisiwa ka tlotlo.

10 Fa moikepi a bona jalo, o a ngala, a phuranye meno, a swabe. Keletso ya moikepi e a nyelela.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan