Lipesalema 111 - Setswana 1970Poko ya ditiro tsa Morena 1 Haleluya! Ke tla leboga Morena ka pelo yotlhe mo lekgotleng la ba ba nang le nnete le mo phuthegong ke re: 2 Ditiro tsa Morena ke tse dikgolo, di tlhotlhomisiwa ke botlhe ba ba kgatlhwang ke tsona. 3 Tiro ya gagwe ke borena le kgalalelo, tshiamo ya gagwe e emetse ruri. 4 O dirile segopotso sa dikgakgamatso tsa gagwe. Morena o boitshwarelo le boutlwelo-botlhoko. 5 Ba ba mmoifang o ba file dijo, kgolagano ya gagwe o e gopola ka bosakhutleng. 6 Thata ya ditiro tsa gagwe o e itsisitse batho ba gagwe ka go ba ruisa boswa jwa Baditšhaba. 7 Ditiro tsa diatla tsa gagwe di boammaaruri le tshiamo, ditaelo tsa gagwe di ikanyega tsotlhe; 8 di tlhomamiseditswe ruri le ka bosakhutleng, di tlhokomelwa ka boikanyo le ka nnete. 9 Batho ba gagwe o ba rometse kgololo; o laetse kgolagano ya gagwe go nna e e sa khutleng; leina la gagwe le boitshepo, le a tshabega. 10 Go boifa Morena ke tshimologo ya botlhale; mongwe le mongwe yo o dirang jalo o na le tlhaloganyo e e molemo. Poko ya gagwe e nnetse ruri. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa