Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 110 - Setswana 1970


Kgosi e e leng moperesiti

1 Pesalome ya ga Dafita. Morena o ne a raya Morena wa me a re: “Dula fa letsogong la me le le jang go ya ke be ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.”

2 Thobane-ya-bogosi ya thata ya gago, Morena o tla e otlolola a le mo go Sione a re: “Busa mo gare ga baba ba gago.”

3 Ka letsatsi la pololo ya gago batho ba gago ba tla tla ka bopelotshweu, ba apere mekgabo ya boitshepo. Mophato wa makau o tla tla kwa go wena, jaaka monyo o tsalwa ke mahube.

4 Morena o ikanne – mme ga a kitla a dirolola ikano – a re: “O Moperesiti ka bosakhutleng ka fa mokgweng wa ga Melegi-Seteke.”

5 Morena yo o fa letsogong le le jang la gago o tla thubakanya dikgosi ka letsatsi la bogale jwa gagwe.

6 O tla atlhola mo ditšhabeng, go tlala direpa, a thubakanya tlhogo e e okameng lefatshe le legolo.

7 O tla nwa mo nokaneng, a le mo tseleng, mme ka ntlha ya moo o tla tsholetsa tlhogo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan