Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 11 - Setswana 1970


Morena o tshiamo

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Ke itiketsa ka Morena; lo ka nthaya jang lo a re: “Tshabela kwa thabeng jaaka nonyane?

2 Gonne bona, baikepi ba gagamatsa bora, ba beile metsu ya bone mo thapong ya jona, gore e re ba le mo fifing, ba tle ba hule ba ba dipelo di boammaaruri.

3 Fa metheo e thujwa, mosiami a ka dirang?”

4 Morena o mo Tempeleng ya gagwe e e Boitshepo, Morena, yo sedulo sa gagwe sa bogosi se leng mo legodimong. Matlho a gagwe a bona lefatshe, dintshi tsa matlho a gagwe di keleka bana ba batho.

5 Morena o sekaseka mosiami le moikepi; mowa wa gagwe o tlhoile yo o ratang kgatelelo.

6 O tla nesetsa baikepi magala; molelo le sebabole le ledimo le le bolelo ke tsona senwelo sa bona se ba se abetsweng.

7 Gonne Morena o siame, o rata ditiro tse di siameng. Ba nnete ba tla bona sefatlhego sa gagwe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan