Lipesalema 109 - Setswana 1970Go ithapelela kgololo le go eleletsa baba petso 1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Modimo o ke o bakang, se didimale. 2 Gonne ba nkatlhamoloseditse melomo ya boikepo le ya tsietso, ba bua le nna ka diteme tsa maaka. 3 Ba ntikanyeditse ka mafoko a letlhoo, ba ntlhabantsha ka bomo. 4 Lorato lwa me ba lo duela ka go ntlhabantsha, etswe nna ke nnetse go rapela. 5 Ba ntebogile ka bosula boemong jwa molemo, le ka letlhoo boemong jwa lorato lwa me. 6 Mo tsosetse moikepi go mo laola; a yo o mo sekisang a eme fa letsogong le le jang la gagwe. 7 Fa a sekisiwa, a a tswe a bonywe molato; a thapelo ya gagwe e fetoge boleo. 8 A malatsi a gagwe a ngotlege, tirelo ya gagwe e tsewe ke yo mongwe. 9 A bana ba gagwe ba nne masiela le mosadi wa gagwe a nne motlholagadi. 10 A bana ba gagwe ba kgarakgatshegele kwa le kwa, ba kope ba batle dijo, ba le kgakala le matlotla a bona. 11 A yo o mo adimileng a lalele tsotlhe tse o nang natso; a baeng ba thukhuthe tse a di fufuletseng. 12 A a se fitlhele ope yo o ka mo tlhomogelang pelo ka gope; a go se nne ope yo o utlwelang masiela a gagwe botlhoko. 13 A bana ba gagwe ba nyelediwe, a leina la gagwe le phimolelwe ruri, e sa le mo losikeng lwa ntlha. 14 Molato wa borraagwe a o gopolwe fa Moreneng, le boleo jwa ga mmaagwe a bo se phimolwe. 15 A di nne fa pele ga Morena ka gale gore a nyeletse go gopolwa ga bona mo lefatsheng, 16 ka a se ka a gopola go dira ka lorato, mme a bogisa motho wa tlalelo le wa khumanego, le yo o kaeleletsweng gore a mmolaele ruri. 17 O ne a rata khutso, a e mo wele; o ne a sa rate tshegofatso, a e nne kgakala nae! 18 O ne a apara khutso jaaka kobo, a e tsene mo teng ga gagwe jaaka metsi le mo marapong a gagwe jaaka lookwane. 19 A e nne mo go ena jaaka seaparo se a se aparang le jaaka moitlamo o a itlamang ka ona ka gale. 20 A tseo e nne tuelo ya baganetsi ba me e e tswang mo Moreneng, le ya bona ba ba buang bosula ka ga me. 21 Mme wena, Morena, Mongwaka, ntirele ka ntlha ya leina la gago; a e re ka bopelonomi jwa gago bo le molemo, o nkgolole. 22 Gonne ke tlaletswe, ke bile ke humanegile, pelo ya me e tlhabilwe mo teng ga me. 23 Ke ikela jaaka moriti o o otlologang maitsiboa, ke tlhotlhorilwe jaaka tsie. 24 Mangole a me a kgwetlhisiwa ka go itima dijo, nama ya me e otile, ga e tlodiwe setlolo. 25 Ke bile ke dule yo o kgobiwang ke bona; e a re fa ba mpona, ba thukhuthe ditlhogo. 26 A o ko o nthuse, Morena, Modimo wa me. A o ko o nkgolole ka fa bopelonoming jwa gago 27 gore ba lemoge, fa tseo e le letsogo la gago, fa wena, Morena, o dirile jalo. 28 Bona ba ka hutsa, mme wena o tshegofatse. A ba ba ntsogetseng ba tlhajwe ke ditlhong, mme a motlhanka wa gago a itumele. 29 A baganetsi ba me ba apesiwe nyatsego, a ba iphuthe ka ditlhong tsa bona jaaka ka kobo. 30 Ke tla leboga Morena gagolo ka molomo wa me ke tla mmoka mo bontsing jwa batho. 31 Gonne o eme mo ntlheng ya le le jang la mohumanegi gore a mo golole mo go ba ba mo atlholang. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa