Lipesalema 108 - Setswana 1970Go baka Modimo le go kopa thuso 1 Sefela. Pesalome ya ga Dafita. 2 Modimo, pelo ya me e etleetsegile; ke rata go opela le go letsa kwadi. Thanya, mowa wa me! 3 Tsogang harepa le katara, ke rata go tsosa mahube. 4 Morena, nte ke go leboge mo merafeng, ke go leletse mo ditšhabeng. 5 Gonne bopelontle jwa gago bo bogolo go feta legodimo; boammaaruri jwa gago bo fitlha kwa marung. 6 Modimo, itlhatlosetse kwa godimo ga magodimo; a kgalalelo ya gago e okame lefatshe lotlhe. 7 Thusa ka letsogo le le jang la gago, o nkutlwe gore baratwa ba gago ba pholosiwe. 8 Modimo o ne wa bua mo Felong-ga-Boitshepo ga ona wa re: “Ke tla ipela, ke kgaoganya Šegeme, ke lekanya mokgatsha wa Sukothe. 9 Gileate ke wa me, le Manase ke wa me; Eferaime ke phemelo ya tlhogo ya me; Juta ke thobane ya me ya bogosi. 10 Moabe ke mogopo o ke tlhapelang mo go ona; setlhako sa me ke se latlhela mo go Etomo, ke tla dudueletsa Felesita.” 11 Ke mang yo o tla nkisang kwa motseng o o thata? Ke mang yo o tla nkgogelang kwa Etomo? 12 A ga se wena, Modimo o o re latlhileng? Ee, Modimo, ga o bolole le mephato ya rona. 13 Re direle thuso ya go phologa mo mmabeng; gonne thuso ya batho ga se ya sepe. 14 Ka Modimo re tla dira ditiro tsa bonatla, mme ona o tla gataka baba ba rona. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa