Lipesalema 107 - Setswana 1970KAROLO YA BOTLHANO, DIPESALOME 107 – 150 Tebogo ya ba ba golotsweng 1 Lebogang Morena, gonne o molemo; gonne bopelontle jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 2 A ba ba golotsweng ke Morena ba bue jalo, ba o ba golotseng mo seatleng sa mopatiki, 3 a ba phutha kwa mafatsheng, kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi, kwa bokone le kwa lewatleng. 4 Ba ba neng ba kgarakgatshega kwa sekakeng mo gare ga naga, ba sa bone tsela e e yang kwa motseng o ba ka agang mo go ona; 5 ba tshwerwe ke tlala le lenyora, mewa ya bona e felelwa mo teng ga bona, 6 mme ba goela Moreneng, ba le mo tlalelong, mme a ba golola mo dipitlaganong tsa bona, 7 a ba tsamaisa mo tseleng e e leng yona gore ba fitlhe mo motseng o ba ka agang mo go ona: 8 Bona bao a ba lebogele Morena bopelotlhomogi jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe tse a di diretseng bana ba batho, 9 ka a kgalolositse mowa o o nyorilweng, a jesa mowa o o tshwerweng ke tlala tse di molemo. 10 Ba ba neng ba dutse mo lefifing le mo moriting wa loso ba golegilwe ka tlalelo le tshipi, 11 ka ba ne ba rukhutlhegetse mafoko a Modimo, ba nyatsa kgakololo ya Mogodimodimo; 12 ba o neng a kokobetsa dipelo tsa bona ka tapisego, ba kgopiwa go se na mothusi; 13 ya baa gona ba goelang Moreneng, ba le mo tlalelong, mme a ba golola mo dipitlaganong tsa bona; 14 a ba ntsha mo lefifing le mo moriting wa loso, a kgaola dikgole tsa bona: 15 A bao ba lebogele Morena bopelotlhomogi jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe tse a di diretseng bana ba batho, 16 ka a thubile ditswalo tsa kgotlho, a roba mephakarego ya tshipi. 17 Ba e neng e le masilo ka ntlha ya tsamao ya bona mo ditlolong, ba bogisiwa ka ntlha ya melato ya bona, 18 mo ba neng ba tenwa ke dijo tsotlhe, ba le gaufi le go swa; 19 ya baa gona ba goelang Moreneng, ba le mo tlalelong, mme a ba golola mo dipitlaganong tsa bona; 20 a romela lefoko la gagwe, a ba fodisa, a pholosa maphelo a bona mo mabitleng: 21 A bao ba lebogele Morena bopelotlhomogi jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe tse a di diretseng bana ba batho; 22 a ba tsise ditlhabelo tsa tebogo, ba bolele ditiro tsa gagwe ka tuduetso. 23 Ba ba neng ba tsamaya mo lewatleng ka dikepe, ba bapala mo metsing a magolo, 24 ke bona ba ba bonyeng ditiro tsa Morena le dikgakgamatso tsa gagwe mo botennye. 25 A laela, a fokisa phefo ya ledimo, la gogomosa dintelo tsa lewatle. 26 Ba akgolelwa kwa godimo le kwa tlase, ba nyema moko mo tlalelong; 27 ba ne ba theekela, ba kgokgweetsega jaaka letagwa, ba felelwa ke maano otlhe. 28 Ba goela Moreneng, ba le mo tlalelong, mme a ba golola mo dipitlaganong tsa bona, 29 a kokobetsa ledimo, la nna phefonyana fela, makhubu a lewatle a kokobela; 30 mme ba itumelela go kokobela ga ona, mme a ba fitlhisa kwa bogorogelong jwa dikepe jo ba bo tlhologeletsweng: 31 A bao ba lebogele Morena bopelotlhomogi jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe tse a di diretseng bana ba batho; 32 a ba mo godise mo phuthegong ya morafe, ba mmoke mo pitsong ya bagolo. 33 Dinoka o di fetotse sekaka, le metswedi ya metsi a e dira naga e e omileng. 34 Lefatshe le le bogale o le fetotse magalaopa ka ntlha ya boikepo jwa baagi ba lone. 35 Sekaka o se fetotse letsha la metsi, le naga e e omileng a e dira metswedi ya metsi. 36 Ba ba bolawang ke tlala a ba baya teng, mme ba aga motse o ba ka nnang mo go ona. 37 Ba jwala masimo, ba tlhoma ditlhare tsa moweine, ba fula maungo, ba kotula. 38 Mme a ba tshegofatsa, ba be ba ntsifala thata; diruiwa tsa bona a se ka a di fokotsa. 39 Ba boela ba fokotsega, ba kokobediwa ke bokete jwa botlhoko le khutsafalo. 40 Yo o goromeletsang nyatsego mo batlotleging, a ba kgarakgatsha sekakeng mo go se nang tsela; 41 ene o ne a ntsha mohumanegi mo tlalelong, a mo godisa, a dira ditshika tse di tshwanang le difutshane ka bontsi. 42 Moo go bona ba ba nang le nnete, ba itumela; boikepo jotlhe bo ithibile molomo. 43 Yo o botlhale ke mang? A a tlhokomele dilo tse, a ele ditiro tsa bopelotlhomogi jwa Morena tlhoko. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa