Lipesalema 106 - Setswana 1970Boikanyo jwa Modimo le boikanyologo jwa Baiseraele 1 Haleluya! Lebogang Morena, gonne o molemo; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. 2 Ke mang yo o ka bolelang ditiro tsa bonatla tsa Morena, a utlwatsa poko ya gagwe yotlhe? 3 Go tlhogonolo ba ba tlhokomelang molao, ba ba dirang tse di siameng ka metlha yotlhe. 4 Nkgopole, Morena, ka o kgatlhwa ke morafe wa gago; nketele ka thuso ya gago 5 gore ke jese matlho ka go leba letlhogonolo la baitlhaolelwi ba gago, ke be ke thabele boitumelo jwa setšhaba sa gago le go belafala mmogo le boswa jwa gago. 6 Re leofile mmogo le borraarona, ra siamolola, ra ikepa. 7 Borraarona ba ne ba sa tlhokomele dikgakgamatso tsa gago, ba sa gopole bogolo jwa bopelotlhomogi jwa gago, mme ba rukhutlhegela Mogodimodimo kwa Lewatleng la Motlhaka. 8 Mme o ne a ba thusa ka ntlha ya leina la gagwe gore a supe bonatla jwa gagwe. 9 A kgalemela Lewatle la Motlhaka, la ba la kgala; a ba kgabagantsha merwalela jaaka e kete ke sekaka. 10 A ba namolela mo seatleng sa yo o ba tlhoileng, a ba golola mo seatleng sa mmaba. 11 Metsi a khurumetsa baganetsi ba bona, ga se ka ga sala ope wa bona. 12 Ya baa gona ba dumelang mafoko a gagwe, ba opela pako ya gagwe. 13 Mme ba akofa ba lebala ditiro tsa gagwe, ba se ka ba letela taelo ya gagwe. 14 Ba tlala keletso mo sekakeng, ba raela Modimo kwa nageng e e senya. 15 Ke fa a ba naya ka fa topong ya bona, mme a tsenya tlhorego mo meweng ya bona. 16 Ba ne ba fufegela Moše mo bothibelelong le Arone, moitshepi wa Morena. 17 Lefatshe la atlhama, la metsa Dathane, la khurumetsa setlhopha sa ga Abirame. 18 Ga tuka molelo mo lekokong la bona, kgabo ya fisa baikepi. 19 Ba ne ba dira namane kwa Horebe, ba obamela setshwantsho se se bopilweng. 20 Ba ananya Kgalalelo ya bona ka setshwantsho sa kgomo e e fulang bojang. 21 Ba lebala Modimo, mopholosi wa bona o o dirileng dilo tse dikgolo kwa Egepeto, 22 tse di gakgamatsang kwa lefatsheng la ga Hame le tse di boitshegang fa Lewatleng la Motlhaka. 23 Ke fa o re, o tla ba nyeletsa. Mme go ka bo go dirafetse jalo, fa Moše, moitlhaolelwi wa ona, a ka bo a se ka a ba emela fa pele ga ona, a tima bogale jwa ona gore o se ka wa ba senya. 24 Ba bile ba nyatsa lefatshe le le eletsegang, ba se ka ba dumela lefoko la ona; 25 ba ngongorega mo metlaaganeng ya bona, ba se ka ba utlwa Morena. 26 Ke fa a ba tsholeletsa letsogo, a ikana gore o tla ba diga mo sekakeng, 27 le go falaletsa losika lwa bona kwa ditšhabeng le go ba phatlalatsa mo mafatsheng. 28 Ba ne ba ikgomaretsa mo go Baale-Pheore, ba ja tse di tlhabetsweng baswi, 29 ba gakatsa Morena ka ditiro tsa bona, mme ba welwa ke petso. 30 Ke fa Phinehase a nanoga, a tsereganya, mme petso ya khutlisiwa. 31 Ke sona se a kailweng mosiami ka ntlha ya sona mo ditshikeng tsotlhe go ya go ile. 32 Le gona ba mo gakatsa fa metsing a Meriba, Moše a ba a tlhagelwa ke molato ka ntlha ya bona. 33 Gonne ba ne ba ganetsanya le Mowa wa ona, mo Moše a bileng a bua ka molomo se se sa mo tshwanelang. 34 Ga ba a ka ba nyeletsa merafe e Morena a e ba kaetseng. 35 Mme ba ne ba itlhakanya le baheitane, ba ithuta ditiro tsa bona. 36 Ba direla medimo ya bona ya diseto e e tlogileng ya nna serai mo go bona. 37 Ba tlhabela mewa e e bosula bomorwaa-bone le bomorwadia-bone. 38 Ba tsholola madi a a se nang molato, – madi a bomorwaa-bone le bomorwadia-bone, ba ba tlhabela medimo ya diseto ya Bakanana; – lefatshe la itshepololwa jalo ka polao eo. 39 Ba ikgotlela ka ditiro tsa bona, ba akafala ka go dira ga bona. 40 Foo Morena a tukela morafe wa gagwe bogale, a tenwa ke boswa jwa gagwe. 41 A ba neela mo diatleng tsa merafe ya baheitane, ba laolwa ke batlhoi ba bona. 42 Baba ba bona ba ba gatelela, mme ba na le go ikoba fa tlase ga diatla tsa bona. 43 O ne a ba thusa gantsi, mme bona ba mo rukhutlhegela ka maikaelelo a bona. Ba nyelela jalo ka molato wa bona. 44 Le fa go ntse jalo o ne a ba tlhokomela mo pitlaganong ya bona, ka a utlwa dilelo tsa bona. 45 A gopola kgolagano ya gagwe ka ntlha ya bona, a busa bogale, ka a na le bopelontle jo bogolo. 46 A dira gore ba tlhomogelwe pelo ke botlhe ba ba ba isitseng botshwarong. 47 Re thuse, Morena, Modimo wa rona, o re phuthe, o re golole mo baheitaneng gore re bake leina la gago le le boitshepo, re ipoke ka go go tlotla. 48 A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele go tswa bosenang-tshimologo go ya bosakhutleng. A morafe otlhe o re: “Amen!” Haleluya! |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa