Lipesalema 105 - Setswana 1970Ditiro tse Modimo o di diretseng Baiseraele 1 Lebogang Morena, lo bitse leina la gagwe; lo itsise ditiro tsa gagwe mo merafeng! 2 Mo opeleleng, lo mo leletse, lo bolele dikgakgamatso tsotlhe tsa gagwe! 3 Belafalang ka leina la gagwe le le boitshepo; a go itumele dipelo tsa ba ba batlang Morena! 4 Botsang ka ga Morena le ka ga thata ya gagwe; lo batle sefatlhego sa gagwe ka gale. 5 Gopolang dikgakgamatso tsa gagwe tse a di dirileng, le ditshupo tsa gagwe le dikatlholo tsa molomo wa gagwe, 6 lona losika lwa ga Aborahame, motlhanka wa gagwe; lona bomorwa Jakobe, baitlhaolelwi ba gagwe! 7 Ena Morena ke Modimo wa rona; dikatlholo tsa gagwe di mo lefatsheng lotlhe. 8 O gopola kgolagano ya gagwe ka gale, e bong lefoko le a le laetseng ditshika tse kete. 9 Kgolagano e o e dirileng le Aborahame le ikano e o e ikanetseng Isaka, 10 a e tlhomamisetsa Jakobe go nna molao le Iseraele go nna kgolagano e e sa khutleng, 11 fa a re: “Wena ke tla go naya lefatshe la Kanana gore e nne kabelo ya boswa jwa lona,” 12 jale fa palo ya bona e sa ntse e le nnye, mme e le ba se kae, e bile ba le baeng mo go lone, 13 ba tlhatlologanya dinageng, ba tswa setšhabeng ba ya setšhabeng, ba tlogela bogosi bongwe, ba ya kwa morafeng o mongwe. 14 A se ka a leseletsa motho ope go ba gatelela; le gona a betsa dikgosi ka ntlha ya bona a re: 15 “Se ameng batlodiwa ba me, lo se direle baporofeti ba me bosula.” 16 O kile a biletsa tlala mo lefatsheng, a senya tlamelo yotlhe ya dijo. 17 A roma monna go ba etelela pele, e bong Josefa, a rekisiwa go nna motlhanka. 18 Ba tsenya maoto a gagwe mo ditshiping, a ya go lala ka esi mo dikeetaneng 19 go ya go dirafale lefoko la gagwe, lefoko la Morena le mo supe a le mo nneteng. 20 Kgosi ya roma go mmofolola, mmusi wa merafe a mo golola. 21 Ya mo dira morena wa ntlo ya yona le molaodi wa tsotlhe tse e nang natso 22 gore a laole dikgosana tsa yona ka fa a ratang ka teng le go ruta bagolo ba yona botlhale. 23 Ke fa Iseraele a ya kwa Egepeto; Jakobe a jaka mo lefatsheng la ga Hame. 24 Mme Morena a atisa morafe wa gagwe segolo, a o thatafatsa bogolo go baba ba ona. 25 O ne a ba tlhanola dipelo gore ba tlhoe morafe wa gagwe, ba direle batlhanka ba gagwe ka bolotsana. 26 A roma Moše, motlhanka wa gagwe, le Arone yo o neng a mo itlhaoletse. 27 Bao ba dira ditshupo tsa gagwe mo go bona, le dikgakgamatso mo lefatsheng la ga Hame. 28 A romela lefifi, a fifatsa; mme ba tlhokomologa lefoko la gagwe. 29 A fetola metsi a bona madi, a bolaya ditlhapi tsa bona. 30 Lefatshe la bone la ba la tlalatlala digwagwa, le mo matlwaneng a dikgosi tsa bone. 31 A laela, mme ga tla diboba le menang mo nageng yotlhe ya bone. 32 A dira pula ya bone sefako, a romela melelo ya dikgadima mo lefatsheng la bone. 33 A itaya meweine ya bone le mefeie ya bone, a robaka ditlhare tsa naga ya bone. 34 A laela, mme ga tla tsie ya segongwane le molome e e se nang palo. 35 Ya ja botala jotlhe mo lefatsheng la bone, ya laila maungo a masimo a bone. 36 Le gona a itaya maitibolo otlhe mo lefatsheng la bone, e bong matsalwapele a thata yotlhe ya bone. 37 Ke fa a ba hudusa ba tshotse selefera le gouta, go se masalela ape mo ditsong tsa gagwe. 38 Baegepeto ba itumelela khudugo ya bone, gonne ba ne ba wetswe ke letshogo ka ntlha ya bone. 39 O ne a phutholola leru go nna tshireletso le molelo go bonesa bosigo. 40 E rile ba lopa, a tsisa maphurrwana, a ba kgorisa senkgwe sa legodimo. 41 A phatlola lefika, metsi a phothometsega, a ela mo sekakeng jaaka noka. 42 Gonne o ne a gopola lefoko la gagwe le le boitshepo, le Aborahame, motlhanka wa gagwe. 43 A bolotsa morafe wa gagwe ka boitumelo le baitlhaolelwi ba gagwe ka tuduetso. 44 A ba naya mafatshe a ditšhaba gore ba rue tse merafe e di phuthileng ka matsapa, 45 e le gore ba dirise ditaelo tsa gagwe le go tlhokomela melao ya gagwe. Haleluya! |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa