Lipesalema 104 - Setswana 1970Go baka Modimo ka ditiro tsa tlholego 1 Baka Morena, mowa wa me! Morena, Modimo wa me, o mogolo thata; o apere kgalalelo le borena. 2 O ikapesa lesedi jaaka kobo, o phutholola legodimo jaaka lesela la tente. 3 O aga maago a gago a bogodimo mo metsing, o ntsha maru koloi ya gago, o tsamaya ka diphuka tsa phefo. 4 O dira diphefo barongwi ba gago le dikgabo tsa molelo badiredi ba gago. 5 O beile lefatshe mo metheong ya lone gore le se ka la tshikinyega ka motlha ope go ya bosakhutleng. 6 O no o le khurumeditse ka morwalela jaaka ka seaparo, metsi a ne a eme godimo ga dithaba, 7 a tshaba kgalemo ya gago, a thibogela lentswe la tumo ya maru ya gago. 8 Dithaba tsa tlhatloga, mekgatsha ya itshetlela; metsi a ya kwa felong fa o a laoletseng gona. 9 O beile molelwane o a sa ka keng a o tlola gore a se boe a khurumetsa lefatshe gape. 10 O eledisa metsi a metswedi mo melapong, a ba a ela fa gare ga dithaba. 11 A nowa ke diphologolo tsotlhe tsa naga, dipitse tsa naga di itima lenyora. 12 Dinonyane tsa legodimo di agile godimo ga ona, di letsa melodi mo dikaleng. 13 O nosa dithaba metsi a a tswang maagong a bogodimo a gago; lefatshe le kgora maungo a ditiro tsa gago. 14 O tlhogisetsa dikgomo bojang, le motho dimela go mo thusa le go ntsha dijo mo lefatsheng, 15 le weine go itumedisa pelo ya motho, le lookwane go phatsimisa sefatlhego, le senkgwe go tiisa pelo ya motho. 16 Ditlhare tsa Morena di a kgora, le mesetere ya Lebanone e o e tlhomileng, 17 mo dinonyane di agang dintlhaga teng; le lekololwana sentlhaga sa lone se mo ditlhareng tsa mesiperese. 18 Dithaba tse dikgolo ke botshabelo jwa diphele; jwa dipela ke mafika. 19 O dirile ngwedi gore o supe dipaka; letsatsi le itse go phirima ga lone. 20 Fa o tsisa lefifi, go nna bosigo, diphedi tsotlhe tsa sekgwa di tsamaya mo go jona. 21 Ditawana di dumela se di ka se bolayang, di batla dijo tsa tsona mo Modimong. 22 Fa letsatsi le tlhaba, di a boa, di ye go botha mo dikutleng tsa tsona. 23 Motho a tswele kwa tirong ya gagwe le kwa matsapeng a gagwe go ya maitsiboeng. 24 Ditiro tsa gago, Morena, kana di methalethale jang! O dirile tsotlhe ka botlhale; lefatshe le tletse ditlhodiwa tsa gago. 25 Fa e le lewatle le legolo, le atlhametse ntlheng tsotlhe; go saila diphedi mo go lone tse di se nang palo, diphedi tse dinnye le tse dikgolo. 26 Mekoro e tsamaya teng, le leruarua le o le bopileng gore le tshameke mo go lone. 27 Tsotlhe di lebeletse wena gore o di fe dijo tsa tsona ka nako ya teng. 28 Fa o di fa, di a sela; fa o huporolola seatla, di kgora tse di molemo; 29 fa o bipa sefatlhego, di a tshoga; fa o tlosa mewa ya tsona, di a swa, di boela loroleng lwa tsona; 30 fa o roma mowa wa gago, di a tlholega; o tlhabolola sefatlhego sa lefatshe. 31 A kgalalelo ya Morena e nnele ruri; a Morena a itumelele ditiro tsa gagwe, 32 ene yo e a reng a leba lefatshe, le rorome; e re a ama dithaba, di kue musi. 33 Ke tla opelela Morena fa ke sa phedile; ke tla baka Modimo wa me ke sa le yo. 34 A dikakanyo tsa me di o natefele; nna ke tla itumela mo go Morena. 35 A baleofi ba nyelediwe mo lefatsheng; a baikepi ba se tlhole ba nna teng. Mowa wa me, baka Morena. Haleluya! |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa