Lipesalema 103 - Setswana 1970Go lebogela Modimo boitshwarelo jwa ona 1 Pesalome ya ga Dafita. Baka Morena, mowa wa me, le tsotlhe tse di mo teng ga me, bakang leina la gagwe le le boitshepo! 2 Baka Morena, mowa wa me; se lebale sepe sa ditiro tse di molemo tsa gagwe! 3 O itshwarela maleo a gago otlhe, o fodisa makoa a gago otlhe. 4 O golola bophelo jwa gago mo tshenyegong, o go rwesa bopelotlhomogi le mautlwelo-botlhoko mo tlhogong. 5 O go kgorisa tse di molemo gore o busediwe bokaung jaaka ntsu. 6 Morena o direla botlhe tshiamo le katlholelo ba ba patikwang. 7 O ne a itsise Moše ditsela tsa gagwe le Baiseraele ditiro tsa gagwe. 8 Morena o kutlwelo-botlhoko le boitshwarelo; o bopelotelele, o bopelontle jo bogolo. 9 Ga a nke a nna bogale ka metlha, le e seng go galefela ruri. 10 Ga a re direla ka fa maleong a rona, le e seng go re busolosa ka fa ditshiamololong tsa rona. 11 Gonne bopelotlhomogi jwa gagwe bo bogolo mo go ba ba mmoifang jaaka legodimo le okame lefatshe. 12 O tlosetsa ditlolo tsa rona kgakala, jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi. 13 Morena o utlwela ba ba mmoifang botlhoko, jaaka rra-bana a utlwela bana ba gagwe botlhoko. 14 Gonne ena o itse popego ya rona, o gopola, fa re le lorole. 15 Motho ena, malatsi a gagwe a tshwana le bojang; o thunya jaaka sethunya sa naga. 16 Fa phefo e se fokile, ga se yo, mme felo ga sona ga go tlhole go se itse. 17 Mme bopelotlhomogi jwa Morena bo mo go bona ba ba mmoifang, go tswa bosenang-tshimologo go ya bosakhutleng, le tshiamo ya gagwe mo baneng ba bana, 18 e leng ba ba bolokang kgolagano ya gagwe, ba ba gakologelwang ditaelo tsa gagwe gore ba di dirise. 19 Morena o tlhomamisitse sedulo sa bogosi sa gagwe kwa magodimong; bogosi jwa gagwe bo busa ntlheng tsotlhe. 20 Bakang Morena, lona baengele ba gagwe, lona dinatla tse di thata, ba lo dirafatsang lefoko la gagwe ka go utlwa lentswe la lefoko la gagwe. 21 Bakang Morena, lona masomosomo otlhe a gagwe, lona badiredi ba gagwe, ba lo dirang ka fa thatong ya gagwe. 22 Bakang Morena, lona ditiro tsotlhe tsa gagwe mo mafelong otlhe a puso ya gagwe; baka Morena, wena mowa wa me! |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa