Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 102 - Setswana 1970


Thapelo ya boikwatlhao

1 Thapelo ya motlalelwi, a itlhobogile, mme a tshololela selelo sa gagwe fa pele ga Morena.

2 Morena, utlwa thapelo ya me; a go lelela thuso ga me go fitlhe kwa go wena!

3 Se mphitlhele sefatlhego sa gago mo motlheng o ke leng mo pitlaganong ka ona; ntshekegele tsebe motlhang ke bitsang, o nkutlwe ka bonako.

4 Gonne malatsi a me a nyelela jaaka musi; marapo a me a tuka molelo jaaka serumola.

5 Pelo ya me e iteilwe, e swabile jaaka tlhaga, ka ba ka lebala go ja sejo sa ka.

6 Marapo a me a kgomaretse nama ya me ka ntlha ya go duma ga me mo go thata.

7 Ke tshwana le kokolofute a le mo sekakeng; ke ntse jaaka morubisi o o nnang mo matlotleng.

8 Ga ke bone boroko; ke lela jaaka serobele se se sosi mo setlhoeng sa ntlo.

9 Baba ba me ba tlhola ba nkgoba; ba ba nkgakaletseng ba hutsa ka leina la me.

10 Gonne ke ja molora jaaka bogobe; seno sa me ke se tlhakanya le dikeledi

11 ka ntlha ya kgalefo ya gago le kgakalo ya gago; gonne o ntsholeditse, wa ntatlhela fa fatshe.

12 Malatsi a me a tshwana le moriti o moleele wa maitsiboa, ke swaba jaaka tlhaga.

13 Mme wena, Morena, o tla nnela ruri, le segopotso sa gago se tla nna mo tshikatshikeng.

14 Wena o tla nanoga, o utlwela Sione botlhoko; gonne ke nako ya go mo itshwarela; nako e e beilweng e tsile.

15 Gonne batlhanka ba gago ba rata majwe a gagwe, ba utlwa botlhoko, ka a thubakilwe.

16 Mme ditšhaba di tla boifa leina la gago, Morena, le dikgosi tsotlhe tsa lefatshe di tla boifa kgalalelo ya gago.

17 Gonne Morena o aga Sione, o bonwa mo kgalalelong ya gagwe.

18 O retologetse thapelo ya yo o sa aparang; ga a nyatse dithapelo tsa bona.

19 Dilo tse, a di kwalelwe losika lo lo tlang; a batho ba ba tla tlholegang ba boke Morena.

20 Gonne o lebile kwa tlase a le kwa bogodimong jo bo boitshepo jwa gagwe; Morena o lebile lefatshe a le mo legodimong

21 gore a utlwe diphegelo tsa bagolegwi, le gore a golole ba ba atlholetsweng loso

22 gore ba bolele leina la Morena mo Sione le poko ya gagwe mo Jerusalema,

23 fa merafe yotlhe e phuthega, le magosi go direla Morena.

24 O koafaditse thata ya me mo tseleng, a khutshwafatsa malatsi a me.

25 Mme ka re: “Modimo wa me, se ntlose mo gare ga malatsi a me; dinyaga tsa gago ke tsa tlhatlologano ya ditshika.”

26 O sa le o thaya lefatshe bogologolo, wa dira magodimo ka diatla tsa gago.

27 Tseo di tla nyelela, wena o tla sala; ee, di tla onala tsotlhe jaaka seaparo; o tla di ananya jaaka kobo; mme di tla nyelela.

28 Mme wena o sa le ena, dinyaga tsa gago ga di nke di fela.

29 Bana ba batlhanka ba gago ba tla aga, losika lwa bona lo tla tlhomama fa pele ga gago.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan