Lipesalema 101 - Setswana 1970Boitsholo jwa kgosi 1 Pesalome ya ga Dafita. Ke tla opela ka ga bopelonomi le tshiamo, ke opelela wena Morena. 2 Ke tla tlhokomela tsamao e e thokgameng. O tla tla leng kwano go nna? Ke tla sepela ka pelo e e phepa mo lapeng la me. 3 Ga nke ke lesa matlho a me go leba dilo tse di bosula. Ke tlhoile go dira ga baikepi; ga go nke go nkgomarela. 4 Pelo e e sokameng e tshwanetse go tloga mo go nna; bosula ga ke rate go bo itse. 5 Yo o sebang mongwe-ka-ene mo sephiring ke tla mo didimatsa. Yo o matlho a boikgodiso le pelo ya boikgogomoso ga nka ke ka mo itshokela. 6 Matlho a me a tla leba baikanyegi ba lefatshe gore ba phele le nna. Ena yo o tsamayang mo tseleng e e thokgameng o tla ntirela. 7 Yo o dirang ka tsietso ga a nke a nna mo teng ga ntlo ya me; yo o buang maaka ga a nke a ema fa pele ga matlho a me. 8 Mo mosong mongwe le mongwe ke tla nyeletsa baikepi botlhe mo lefatsheng; mo motseng wa Morena ke bolaela ruri badiradibe botlhe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa