Lipesalema 100 - Setswana 1970Sefela sa tebogo 1 Pesalome ya tebogo. Dudueletsang Morena, lona mafatshe otlhe. 2 Direlang Morena ka boitumelo; tlayang fa pele ga sefatlhego sa gagwe ka tuduetso. 3 Lemogang gore Morena ke ena Modimo; ene o re dirile, mme re ba gagwe; re batho ba gagwe le dinku tse o di fudisang. 4 Tsenang ka dikgoro tsa gagwe ka tebogo le mo malapeng a gagwe ka pako. Mo lebogeng, lo bake leina la gagwe. 5 Gonne Morena o molemo; bopelontle jwa gagwe bo nnetse ruri le boikanyo jwa gagwe mo tshikatshikeng. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa