Lipesalema 10 - Setswana 1970Thapelo ya gore Modimo o thuse kgatlhanong le boikgodiso jwa baba 1 Morena, o emetseng kgakala, o iphitlhetseng mo metlheng ya pitlagano? 2 Motlalelwi o pitlagantswe ka ntlha ya boikgantsho jwa baikepi. A ba tshwarwe ke maano a ba a logileng a boferefere. 3 Gonne moikepi o ikgantsha ka keletso ya gagwe; mmapadi wa tsietso o tshegofatsa ke go re o kgala Morena. 4 Moikepi, mo boikgodisong jwa gagwe ga a batle Modimo; o ithaya a re: “Ga go na Modimo.” Ke yona megopolo yotlhe ya gagwe. 5 Ditsela tsa gagwe di na le botswelelopele ka gale, dikatlholo tsa gago di kwa godimodimo, kgakala le ena; baganetsi botlhe ba gagwe o a ba budula. 6 Mo pelong ya gagwe o ithaya a re: “Ga ke na go tshikinyega, ke mongwe yo ke se kitlang ke wela mo tlalelong go ya bokhutlong.” 7 Molomo wa gagwe o tletse khutso le tsietso le patiko; fa tlase ga loleme lwa gagwe go na le letshwenyo le tshenyo. 8 O bataletse mo talelong ya metse; yo o se nang molato o mmolaela mo sephiring; matlho a gagwe a tlhomilwe mo go yo o tlhokang letlhogonolo. 9 O lalela mo sephiring jaaka tau mo sekhung sa yona, o laletse mmogisegi gore a mo tshware; o tshwara motlalelwi ka go mo goga ka letloa la gagwe. 10 O a boba, a batalale, mme ba ba tlhokang letlhogonolo ba wele mo maroong a gagwe. 11 O ithaya mo pelong a re: “Modimo o lebetse, o ipipile sefatlhego, ga o kitla o go bona ka gope.” 12 Morena, nanoga, Modimo, tsholetsa letsogo, se lebale batlalelwi! 13 Kana moikepi o kgalelang Modimo, a ithaya mo pelong a re: “Ga o ne o busolosa”? 14 Wena o bonye; gonne o lebile tapisego le tshwenyego gore di beiwe mo seatleng sa gago. Yo o itlhokang o di neetse wena, o mothusi wa dikhutsana. 15 Robaganya letsogo la moikepi; yo o bosula o busolose boikepo jwa gagwe, gore o se ka wa tlhola o bo bona. 16 Morena ke Kgosi ka gale le ka bosakhutleng, baheitane ba nyeletse mo lefatsheng la gagwe. 17 Morena, o utlwile keletso ya baikokobetsi, o tiisa dipelo tsa bone, o tlhwaya tsebe go utlwa, 18 go tla o siamisetsa khutsana le mopatikwi, gore motho wa lefatshe a se ka a tlhola a ba tlhorisa. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa