Lipalo 5 - Setswana 1970Ba ba itshekologileng ba ntshiwa mo bothibelelong 1 Morena a ba a raya Moše a re: 2 “Laela Baiseraele gore ba ntshe balepero botlhe mo bothibelelong le botlhe ba ba tshologang madi a bolwetse le botlhe ba ba itshekologileng ka moswi. 3 Le fa e le banna gongwe basadi, lo ba ntshe; lo ba ntshetse kwa ntle ga bothibelelo gore ba se ka ba itshekolola bothibelelo jwa bone kwa ke agileng teng mo gare ga lona.” 4 Baiseraele ba dira jalo, ba ba ntshetsa kwa ntle ga bothibelelo. Baiseraele ba dira jaaka Morena a boleletse Moše. Go lefa molato 5 Morena a ba a raya Moše a re: 6 “Bua le Baiseraele o re: ‘Fa monna gongwe mosadi a dirile sebe sengwe se se tleng se dirwe ke batho ka go leofela Morena ka boikanyologo, motho yoo o na le molato; 7 a ba ipobole dibe tsa bone tse ba di dirileng, mme yo o sentseng a lefe molato wa gagwe ka botlalo, a be a oketse karolo ya botlhano ya ona, a nee ene yo a mo senyeditseng. 8 Mme fa a se na wa ga gabo yo o ka lefiwang molato oo, gona a tefa eo e lefelwe Morena, e neelwe moperesiti, kwa ntle ga phelehu ya thuanyo e moperesiti o tla mmatlelang boitshwarelo ka yona. 9 Le seabe sengwe le sengwe sa dineo tsotlhe tse di boitshepo tsa Baiseraele tse ba di isetsang moperesiti a e nne sa gagwe. 10 Le dineo tse di boitshepo tsa mongwe le mongwe e tla nna tsa gagwe; se motho a se abelang moperesiti a e nne sa gagwe.’ ” Tshupelo ya lefufa le metsi a a rogakilweng 11 Morena a ba a raya Moše a re: 12 “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘Fa mosadi wa monna mongwe a fapoga, a mo leofela ka boikanyologo, 13 mme monna yo mongwe a kopana nae ka mmele, mme go fitlhegela matlho a monna wa gagwe, mme mosadi a sa lemogiwe, le fa mosadi a iitshekolotse tota, mme go se na mosupi yo o ka mo supang, a sa tshwarwa, 14 jaanong fa monna a tsenwa ke mowa wa lefufa, a fufegela mosadi wa gagwe, ka mosadi a iitshekolotse, gongwe a tsenwa ke mowa wa pelaelo, a belaelela mosadi wa gagwe, le fa mosadi a sa iitshekolola: 15 Gona a monna a ise mosadi wa gagwe kwa go moperesiti, a be a ise neo ya tshupelo ya mosadi e e batlegang ka ntlha ya gagwe, e bong karolo ya lesome ya efa ya bupe jwa garase; a se ka a tshela lookwane mo go jona, le e seng go baya tsa maswalo mo go jona; gonne ke tshupelo ya dijo ya lefufa, ke tshupelo ya go gakolola e e gopotsang Modimo molato. 16 “ ‘Mme moperesiti a atametse mosadi, a mo emise fa pele ga Morena. 17 Moperesiti a be a ge metsi a a boitshepo ka sejana sa letsopa, a be a tabole lerole le le fa fatshe mo Taberenakeleng, a le tsenye mo metsing. 18 Jaanong moperesiti a emise mosadi fa pele ga Morena, a bofolele moriri wa tlhogo wa mosadi, a bee tshupelo ya kgopotso e e leng tshupelo ya lefufa mo diatleng tsa gagwe, moperesiti a ntse a tshotse metsi a a tlholelang motho botlhoko. 19 Moperesiti a be a ikanele mosadi, a mo ree a re: Fa monna yo mongwe a sa lala nao, o sa fapoga ka itshekologo ka go thelelela monna wa gago, gona metsi a a tlholelang motho botlhoko ga a kitla a go direla petso. 20 Mme fa o fapogile ka boaka o ntse o le fa tlase ga monna wa gago; fa o iitshekolotse, mme monna yo mongwe a ikopanya nao kwa ntle ga monna wa gago – 21 gona a moperesiti a ikanele mosadi ka ikano ya khutso, a ree mosadi a re: Foo a Morena a go dire yo o hutsitsweng, yo o tlholetsweng botlhoko mo morafeng wa ga eno; Morena a dire gore letheka la gago le tlhorege le mpa ya gago e buduloge. 22 A metsi a a tlholang botlhoko a tsene mo matennye a gago go go budulosa mpa le go go tlhorisa letheka. Mme mosadi a a re: A go nne jalo! A go nne jalo! 23 “ ‘Moperesiti a be a kwale dikhutso tseo mo pampiring, a be a di phimolele mo metsing a a tlholang botlhoko. 24 A be a nose mosadi metsi a a tlholelang motho botlhoko gore metsi ao a tsene mo go ene go dira botlhoko jo bo galakang. 25 Jaanong moperesiti a tsee tshupelo ya lefufa mo seatleng sa mosadi, a e kgadikanye fa pele ga Morena, a be a e bee mo aletareng. 26 A moperesiti a tabole bupe jwa tshupelo bo tletse seatla e le jo bo fisiwang, a bo tshubele mo aletareng. Morago ga moo a nose mosadi metsi ale. 27 Jaanong e tla re fa a sena go mo nosa metsi, fa mosadi a iitshekolotse a diretse monna wa gagwe ka boikanyologo, gona metsi a a tlholang botlhoko a tla tsena mo go ene go dira botlhoko jo bo galakang, mme mpa ya gagwe e tla buduloga le letheka la gagwe le tla tlhorega, mme mosadi yoo o tla nna sekao sa thogako mo morafeng wa ga gabo. 28 Fela fa mosadi a sa iitshekolola a le phepa, ga a kitla a bona petso, mme o tla fiwa bana. 29 “ ‘Ke ona molao wa lefufa, fa mosadi a fapoga ka boaka a ntse a le fa tlase ga monna wa gagwe, a iitshekolola; 30 gongwe fa monna a tsenwa ke mowa wa lefufa, a fufegela mosadi wa gagwe. Foo a a emise mosadi jalo fa pele ga Morena, mme moperesiti a direle mosadi ka fa molaong otlhe o. 31 Monna ene o tla bo a se na molato, mme mosadi o tla rwala molato wa gagwe.’ ” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa